Naledi

Mophato o dibela Rotwe

Dipalo tse di nametsang tsa bo di tshologetse lepatla ka Mosupologo kwa Kgotlengkgolo ya Manyana, le kwa go lone Kgosi Kebinatshwne a neng a ribolola leina la mophato wa gagwe.

Meduduetsane ya agela mosako mafoko a ga Kgosi, jaaka a ne a ribolola leina la mophato go nna Madibelakgosi.

Se ya bo ele jaaka morafe o solofetsa go tlotlana le go netefatsa fa tiro ya kapeso ya Kgosi Kebinatshwene e tla atlega.

Morafe o ne wa itsisiwe fa tsotlhe di tsamaya ka thelelo mabapi le paakanyetso letsatsi leo, wa bo wa itsisiwe fa sebui sa tlotla e tlaabo ele letebele le le ntle go tswa ga Malete, Khumagadi Kgosi Mosadi Seboko.

Baeng ba bangwe e tlaabo ele morwa Kgosi Lucas Mangope eleng Kgosi Kwena Mangope le ntsalae kwa boseja Kgosi Victor Suping. 

Kgosi Kebinatshwene o boletse fa bangwe ba baeng ba tlotla e tlaabo ele Mothusa Tautona Mokgweetsi Masisi le Tautona wa pele Dr Festus Mogae, magareng ga ba bangwe. 

“Jaaka lo setse lo itse, go ditiro tse di ntsi tse di tla diragalang ka mafelo a beke eo, mme ka jalo a re lemogeng gore bangwe bagolo ba tlaabo ba lebile di ntlheng dingwe tsa lefatshe leno, mme go sa reye gore ga re bone botlhokwa jwa ditiro tsa ba bangwe,” Kgosi a tlhalosa jalo.

O tsweletse a bolela fa tiro ya mothale o. e tlaabo ele ditso tse di tla kwalwang mme di ribegelwe dikokomane.

Go solofetswe gore ka lone letsatsi le, go nne le megwanto go ralala motse wa Manyana, o eteletswepele ke mophato wa Madibelakgosi. Kgosi o tlaabo a gorosiwe kwa kgotleng ke matlhogotshweu le marara a motse, seo se dirwa jalo ka dipitse. 

“Re lebogela kemonokeng e re e filweng ke Lephata la Metshameko le Ngwao ga mmogo le dikompone tse di ikemetseng ka nosi, tota le beng gae jaaka le ntshitse dithuso tsa dikgomo,” Kgosi Kebinatshwene a leboga jalo.

Kgosi Kebinatshwene Mosielele ke ngwana wa ntlha wa ga moswi Kgosi Mareko Mosielele.

O ne a tlhongwa kgosi ka 2010 morago ga go lwala ga rraagwe.  O boleletse Lokwalodikgang lwa Naledi fa a ne a seka a apeswa letlalo la nkwe ka go bo rraagwe a ne a sale botshelong.  A re ngwao ya sehuruthse ne  sa mo letle go apeswa letlalo rraagwe a santse a stla, ke ka moo, go dirwang jalo gompieno.

“Ntate o ne apeswa letlalo ka 1952 ka jalo go dirwa se eleng ngwao ya sehurutshe go apesa kgosi letlalo la nkwe,” Kgosi Kebinatshwene a tlhalosa jalo.