Naledi

Ntwakgolo ke ya molomo

O ke morafe wa Bahurutshe kwa Manyana, jaaka dipaakanyetso tsa bone tsa go keteka kapeso ya kgosi ya bone di ya motsubong.

Jaanong, go lebega go na le mosi wa dikgong tse di metsi mme o runya ntlheng ya Kanye. Ba bogosi koo, ba ipelaetsa ka gore ga go ise ko go diragale gore kgosi epe fela e apeswe letlao la nkwe mo mmung wa bone.

A ke mafoko a Bahurutshe baneng ba a aramela. Ya re go boeleng gae ga bone, ba seka ba tlhola ba leba kwa morago, ba tsweledisa dithulaganyo tsa bone.

Ditso di supa fa e rile ka 1952, Kgosi Mareko Mosielele a ne a apeswa nkwe mme go diragetse jalo ka nako ya mogolo Kgosi Bathoen a sale botshelong.

Potso ke gore, fa ele gore ka nako eo go ne go sena molato, jaanong go diragalang ka nako eno, fa ele gore Kgosi Kebinatshwene ene o ronwa ke tlotla eo.

Legale ka beng ba kgang ba santse ba ngunanguna, a re rapediseng gore e seka ya nna kgang e e ka kgobolang mabadi a a sabolong go omelela, ere kgabagare ga tsoga dikgotlhang tse di ka tsosang di letseng.

Re eletsa gore merafe e mebedi e ritibale dipelo mme e iphe nako ya go neelana megopolo ka go rarabolola dipharologano tsa bone.

Ntwa kgolo ke ya molomo.