Naledi

Bagwebi ba lela ka theko

Se senogile kwa ditshupong tse di satswang go wela tsa Consumer Fair bosheng, tse bagwebi ba mafatshe a Swaziland le Lesotho baneng ba supa dithoto tsa bone teng.

Mo potsolotsong le bangwe ba bagwebi, mme Eunice Jele go tswa Swaziland o boletse fa dingwaga tsa maloba di fetogile jaaka ba ne ba itse gore ditshupo dingwe le dingwe tsa Botswana, ba tla boelwa go menagane. Jele yo o gwebang ka mekgabisa ya dithunya tse di pentilweng ka mebala e e farologanyeng, manyena le ditlatlana, o boletse fa Batswana ba sa tlhole ba kgatlhegela dithoto tsa bone.

A re bontsi jwa theko o e bona mo bareking ba batswakwa. O tsweletse a re, b tla ipha nako go boela mo Botswana go tla go batlisisa ka seemo se. Jele o tsweletse a re, o simolotse go bona theko mme ele boutsana ka Labone mme ditshupo di sa bolo go simolola ka Mosupologo.

Jele yo ene a neng a rekisa dithunya ka go farologana, ditlatlana, le mangena a re dingwaga tse dingwe tse o ntse a dira sentle. A re, fa a sale ditshupo di simolola ka Mosupologo, ga a ise a rekise sepe go fitlhelela letsatsi la Labone.

Mogwebi yo mongwe, Sarah Shongwe yo le ene a tswang kwa Swaziland, ebile a rekisa dithoto tse di tshwanang le tsa ga Jele, a re o lemogile fa Batswana ba sa reke dithoto tsa bone go na jaaka pele. A re o ipotsa gore a ke go thibelela ga bagwebi ba China mono kana jang. 

Naledi ya kopana gape le baemedi ba kompone ya Seithati Weavers, go tswa Lesotho, yone e gweba ka dibeke matlalo, mesamo le tse dingwe. Maneo Temeki, e leng mogolwane wa kompone e, a re ba simolotse go tsenelela ditshupo tsa bajibareki mo Botswana ka ngwaga wa 2008. A bolela fa ba eletsa go atolosa kgwebo ya bone ka go nna le tirisanyo mmogo le bagwebi ba mono. A re go dira jalo go ka tokafatsa ipapatsa le kgolo ya kgwebo ya bone. 

Lineo Mpoda le Khoboso Matsoakeletse go tswa Lesotho, ba ne supa mesese ya mateisi ya Seshoeshoe le dibaga tsa molala, bare ene ele lwantlha ba tla ditshupong tsa mojimoreki mo Botswana. Bone ba boletse fa kgwebo ele botoka fela thata mo Botswana.

Ba re, le fa ba sa kgona go rekisa ka fa baneng ba solofetse ka teng, ba tla boa ba leka gape ngwaga o o tlang.  Sengwe sa Naledi e se lemogileng kwa ditshupong tse, ke moalo wa di supiwa. Bangwe ba ne ba kgobokantswe golo gole gongwe, seemo sa go lebegang sene se baya bangwe ka mosing mabapi le ipapatsa. Bangwe ba re lefelo la bagwebi ba ba potlana le ne lele kgajana le kwa bontsi jwa bareki ba ne ba kgatlhegela go ya teng.