Naledi

A re se ka ra bua jaaka fa re kwala

E  re motho a se na go bona se a neng a se kopile, kgotsa se a neng a kopile go thusiwa ka sone, a phuaganye, a ye le di sele. Mo a neng a thusitswe ka gone, ka ga go tlhokomelwe, go sale go senyega.

Go utlwala fa mothusa tona ya temo thuo, Rre Autlwetse, a ne a leka go kgaleemela mokgwa wa go dira jaana, mo diphuthegong tsa kgotla, tse a neng a di tshwara mo metseng mengwe ya Tswapong ka kgwedi ya Motsheganong monongwaga.

Go ya ka pego, mothusa tona o ne a bua gore, bangwe ba thusiwa ka dikoko, dipodi, le tse dingwe, mme kwa  morago, batho bao, ba fe dipego tsa gore dilo tseo di sule, di bolailwe ke bolwetse mme se, e se boammaaruri. Mo go raya gore, ka go tlhoka go tlhokomelwa, dilo di senyege, mme, e re go iphemela, motho a re, dilo tseo, di bolailwe ke bolwetse. Tota go sa nna jalo, seo e le puo fela.

Ga twe, bangwe ba lemelwe ka ISPAAD. E re boemong jwa go nnela temo ya bone fa fatshe ba e tlhokomela, ba tlhagola, ba leta, ba phuaganye, ba ye Ipelegeng. Go dira jaana go se ke go siame, dilo di sale di senyega. E re gongwe motho a ka bo a ne a robile sengwe, a se ke a boelwe ke sepe; a tswe fela.

Madi ale, a puso e neng e a ntshitse go reka dilo tsele, dikoko, dipodi, dipeo, le tse dingwe tsotlhe, le one a felele a ile, a wetse ka motlhobodika/motlhoboloko.

Pego ka diphuthego tsa ga mothusa tona kwa Tswapong, e begwa ke Dikgang (Daily News/ Labobedi Motsheganong 30 2017) ka fa tlase ga setlhogo se se reng;

‘Se tseeng dithuso lolea…..’

Jaanong, lefoko ke leo, ga  twe, ‘Se tseeng.’ Wena wa reng ka lefoko leo?  Mmualebe ene a re, lefoko le, ke le re le dirisang fa re bua, e seng re kwala.

Fa re bua, re metsa ditlhaka dingwe tsa mafoko mme go siame fela. Mme fa re kwala, a re se ka ra kwala jaaka fa re bua. A re kwale ditlhaka tsotlhe tsa lefoko, re se tlole tlhaka epe. Ka go kwadilwe, lefoko lele e tshwanetse go nna ‘Se  tseyeng…..’ e seng, ‘Se tseeng.’