Naledi

Mapodisi a panne sentle

Mme le fa go ntse jalo, baeladilotlhoko ba ka dumalana le rona gore, ke boammaaruri mapodisi a lefatshe leno, a tswa kgakala a dira maiteko a matona a go tshwara le go isa fa pele ga Makgotla a Ditsheko, babelaelwa kana badiramolato ba borukhutlhi jo.

Mo dingwageng di se kae tse di fetileng, go supagetse fa bontsi jwa molato ya go gweba ka ditagi ene ele ya setlhatshana sa motokwane. Ke fale le fale fa reneng re utlwalela dikgetsi tsa Cocaine to le Mandrax.

Jaanong, re senka go akgola sepodisi sa Botswana le makalana a mangwe a itshireletso mo maitekong a one a go phuruphutsha bagwebi ba diritibatsi, mo mebileng le malwapa.

Sengwe se re ka se lopang mo matlhamong a itshireletso ke gore, a jaanong ba tlhodumele mohama wa dikgwebo tse di ikemetseng ka nosi (marekisetso a dijo, diaparo le dino) tota le tse di gwebang ka ditshipi tsa dikoloi. Seemo se sengwe ke sa bagwebi ba madi a mono la mafatshe a a bapileng le la rona jaaka la Aferika Borwa. Go na gape le malwapa a a firisiwang a a nnang batho bale bantsi ka palo mme ele ba letso le le lengwe, mme ra re a le one a tlhodumelwe.

Re kopa jgap gore, ere le fa badiramolao bao ba tshwarwa, ba gagamaletswa di kotlhao go re kgabagare melao e e itebagantseng l dikotlhao tsa borukhutlhi jo, bo fokotshege ka pono ya leitlho.

Go na gape le molelwane e mengwe ya lefatshelno le Aferika Borwa mme ele e e senang di dirisiwa sa go bonesa kana dintsha tsa go dupelel ditagi, re re a molelwane eo, e itsibogelwe. A dintsa ts di dupelelang dithoto, le tsone di katisiwe ka dipalo tse di ntsi le go anamisiwa le mafelo ka go farologana.

Re akgola sechaba sa Botswana, bana le bagolo, go bo ba supile fa ba le kgatlhanong le tiriso le thekiso ya diritibatsi mo lefatsheng leno. A ntwa kgatlhanong le kgwebo le tiriso ya ditagi e tswelele, gore bokamoso jwa bana ba le lefatshe leno bo nne jo bo kgatlhisang.