Naledi

Ngangisano ya nyalo ya lefufa

Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Goo-Manyana
 
Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Goo-Manyana

Bogologolo, nyalo e ene e ntse ele teng mme morero wa yone ole pharologano le wa nyalo e e tlwaelesegile ka, ya lesire le bolomo.

Naledi e buisana le Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Bahurutshe Boo Manyane, go tlhaloganya ka nyalo e.

O simolola ka go tlhalosa gore, nyalo ya lefufa ke fa monna ale mongwe a nyala basadi ba feta bobedi. A re nyalo ya basadi ba, e a bo e dirwa jalo ka tumalano ya mosadi wa ntlha ga mmogo le batsadi ba ba amegang mo nyalong e e latelang.

Kgosi Kebinatshwene a re nyalo e, e tswa goolowe e le bontlha bongwe jwa ditso tsa merafe mengwe ya Botswana. A re go gorogeng ga bommesenare go tswa moseja, go ne ga lere diphetogo mo ditumelong le dingwaong dingwe tsa Batswana, tlhabologo le yone ya nna le seabe mo go fokotsegeng ga nyalo ya lefufa.

“E seng fela go batla go nyelela ga nyalo e ya lefufa, le tsone dikole tsa thuto setso jaaka Bogwera le Bojale, di ne tsa emisiwa ka dinako tseo,” Kgosi a tlhalosa jalo.

Kgosi a re nyalo ya lefufa ka nako eo, e ne e fema seemo se gompieno se golelang pele  sa masiela. A re ka dinako tseo, o ne o ka seke o utlwalele gotwe ngwana ga ana rraagwe.

A re le bone basadi ba nako eo, ba baneng ba nyetswe ke monna a le mongwe, bane ba laiwa mo go tseneletseng mme ba ikilele mo go tse dintsi.

“O ne o ka seke o fitlhele gotwe gona le malwetsi a a farologaneng magareng ga bao ba ba mo nyalong ya lefufa.

“Le one malwetsi a dikobo a ne a seo, ka basadi ba ne ba iphapha ba emetse fela go robala le monna ale mongwe wa bone, ka bongwe ka bongwe. O ne a ba kgotsofatsa botlhe mme le ene fela jalo a kgotsofale,” go tlhalosa jalo Kgosi Kebinatshwene.

Kgosi a re ka nako ya fa rre a tlhokafetse, botlhokwa jwa nyalo ya lefufa bone bo bonala, ka bana ba ne ba kgaoganngwa boswa jwa ga rraabo ka go lekalekana, mme ele ba basadi ba ba farologaneng.

“Gompieno re bona jalo bana ba rre a ba tsholetseng kwa ntle ga nyalo, ere fa a tlhokafala, bana bao ba itswele fela, gotwe rre ga a begela mosadi kana botsadi,” a rialo Kgosi.

O bile a fa sekai ka morafe wa Bazezuru a re, ba santse ba tshegeditse ngwao ya bone ya nyalo ya lefufa, a re gape ga o kake wa fitlhela bontsi jwa bana ba bone ba amega mo ditirong tsa borukhutlhi.

A re ke sesupo sa gore nyalo ya lefufa ene e dibela bana ba ba godileng golo gole gongwe go eletsa kana go fufegela barwaarabone.

Fa a tshwantshanya nyalo ya lefufa le ya 'sekgoa' a re, ya lefufa, o ne ka tswelela wa nyala mosadi o mongwe go tla go thusa mosadi wa ntlha ka ditiro tsa mo lapeng, kgotsa fa a lwala. A re ya sekgoa ga e letlelele seo, ka monna a tshwanela ke go tlhala pele, fa a eletsa go nyala mosadi o mongwe.

Kgosi Kebinatshwene a re, ke ka moo malatsi a no bontsi jwa banna banang le dinyatsi tse di ntsi, a re seo se bakwa ke gore gongwe ga ba bone tlhokomelo e e rileng mo mosading a le mongwe. A re kgotsa monna o abe a batla go tsholelwa bana mme mosadi wa gagwe a sa kgone go mo tsholela ngwana.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mabodisa Montshiwa kwa Mochudi ene a re, ka Sekgatla ga gotwe nyalo ya lefufa, bone ba re mosadi wa bobedi le wa boraro. Montshiwa a re nyalo e, e ne e diragala goolowe, mme e le lenyalo le le dirwang ka mabaka mangwe.

A re, monna o ne kgona go nyala mosadi wa bobedi fa mosadi wa ntlha a sa kgone go tshola bana, kgotsa boo babedi ba tshola bana ba bong bole bongwefela. A re ka jalo, go tswakatswakanya bana gone gole botlhokwa.

O tlhalositse gore nyalo e, monna ke ene a neng a kgona go nyala basadi ba le babedi kana bale bararo e seng seemo se mosadi a nyalwang ke banna bale babedi jaaka go diragetse bosheng magareng ga ga Hendrick Letshwiti le Tlamelo Moagi le Mogae Sono.

O tlhalositse gape gore, batho ka nako eo ba ne ba sena mathata le nyalo ya lefufa ebile go nale tshwaragano le boitumelo magareng ga morafe.

Ya re a tswa la gagwe, Morutimogolo (Bishop) wa Kereke ya Anglican mo Botswana Metlhayotlhe Beleme, o boleletse Naledi mo potsolotsong gore, nyalo ke mpho ya Modimo mme e bile ele kgalaletso ya kgolagano ya monna le mosadi.

“Mo polelong ko tshimologo ya tsotlhe (Genesis 2: 18), Modimo o ne a lemoga fa Adam a tlhoka mopati go montsha mo bodutung jo aneng ale mo go jone, mme a mo direla mopati eleng Eva, eseng bapati,” Beleme a tlhalosa jalo.

 Moruti Beleme a re mo nyalong ya bobedi joo, monna a tlogela batsadi ba gagwe go nna aga motse le mosadi wa gagwe mme ba nne seopo sengwe.

'Lefoko la Modimo la re, monna o tla tlogelwa rraagwe le mmaagwe mme a agisanye le mosadi wa gagwe, eseng basadi ba gagwe, mme ba nne bongwe,' Moruti Beleme a tlhalosa jalo.

A re mo baebeleng Modimo o bua ka tlhalano ya monna le mosadi eseng basadi. A re mo baebeleng lokwalo la ga Mareko, Kgaolo ya bo lesome, temana ya bobedi go fitlha ka ya borobabongwe (Mark 10:2-9 le Mataeo (Matthew 19:1-12) Jeso Keresete o tlhalosa gore nyalo ya lefufa e kgatlhanong le ditaelo tsa Modimo ebile ga e letlelesege.

Beleme o tsweletse a re o itse gore go nale dingwe tse di diragalang, ka ntlha ya tumelo ya ngwao ya Batswana ntswa le fa di sa letlelesege mo matlhong a Modimo. 

'Nna ka re nyalo ya lefufa e kgatlhanong le molao wa Modimo mme e bile ga e letlesege gotlhelele,'Bishop Beleme a gatelela jalo