Naledi

Leruo le tswa ka metse kwa Kgatleng

 

Fa ba lephata la molao la khansele ba ntse ba buisa diphuthego tsa kgotla go ralala kgaolo yotlhe ya Kgatleng, ba bolela fa barui ba sa bolo go kopiwa gore ba ntshe leruo la bone mo metseng, mme ba le ise kwa masimong le kwa merakeng. Fela kop e, go lebega fa barui ba ntse ba e ikgatholositse gotlhelele, eleng seo badiragatsi ba molao wa khansele ba boneng go le botoka gore ba eme ka dinao go ntsha taelo e e nang le molaetsa o o gagametseng.

Barui ba boleletswe gore diruiwa tse di akaretsang dihutshane, ditonki le dikgomo ga di sa tlhole di amogelwa go nna mo metseng e e, mme ebile taolo e ya gore di ntshiwe, go sena jaaka ope a ka e ganetsa ka go tla a nna le dikgato tsa semolao tse di maleba.

Barui bangwe ba ba ntseng ba ruetse mo metseng ba ne ba lela thata ka gore tota bone ga go na kwa ba ka yang teng ka leruo la bone ka ba sena masimo le meraka, bangwe bone ba lela ka gore ba ya go sokodisiwa ke tlhaelo ya metsi kwa masimong.  Ba dipodi, bogolo jang bannabagolo le basadibagolo, bone ba boletse gore ba ntse ba kgona go tlhokomela dihutshane tse tsa bone, ka di bolola maitseboa di boela mo motseng, mme jaanong fa gotwe ba di ise kwa masimong, ba ya go nna le bothata jwa go di tlhokomela.

Magosi le one a ne a bolela gore tota leruo le le mo metseng le, le a tshwenya, bogolo jang dipodi tse di tsenang mo malwapeng a ba bangwe go ba senyetsa, mme go nne dikgogakgono fela tse di sa feleng letsatsi le letsatsi. Kgosana Samuel Sepotlo a re gone le fa bagolo bangwe bat la a sokola ka ntlha ya bobotlana le itsholelo e e ko tlase,go a tlama gore leruo le le fodusidiwe kwa masimong le gone kwa merakeng, a re o kopa bana go thusa batsadi ba bone go tlhokomela leruo le la bone.

Kgosana Sepotlo a re bana ga ba a tshwanela go nna fela mo metseng, ba nnetse go itontela majalwa, fa batsadi ba bone ba sokodisiwa ke dihutshane le dikgomo ba le nosi, a gatelela gore dilo ke bokamoso jwa bone.Eleng seo ba tshwanetseng go di emela ka dinao go thusa gore le seka la tloga la ya le naga, kgotsa la utswiwa ke balekane ba bone.

Fela se sa seka sa bona e le sepe fela mo go ba khansele ka bone ba menne diphatla gore leruo le tswe mo metseng, se se ileng sa tlogela bangwe ba ingwaa ditlhogo ka kutlobotlhoko ba ipotsa gore tota ba tla a dira jang ka tshwetso yone e setse e tserwe.