Naledi

Re galaletsa Bahurutshe boo-Manyane

Bosheng jaana, re bone jalo morafe wa MaXhoza kwa motseng wa Bikwe o ne o ipelela ngwao ya one, jaaka gone go tlhomiwa kgosi ya motse oo, eleng Nkosiyabo Mngqibisa. Morafe oo, o o tlholegang kwa Aferika Borwa kwa kgaolong ya Kapa Botlhaba, o thibeletse kwa kgaolong ya Manyana dingwaga tsa maloba ka 1904.

Jaaka ele tlwaelo, ke tshwanelo gore morafe o o thibeletseng golo gongwe o sale ditso le dingwao tsa morafe oo, jaaka wa Bahururtshe.  E re gontse jalo,  Kgosi Kebinatshwene Mosielele a patilwe ke mothusi wa gagwe Kgosi Robert Mangope, bane ba ipela le morafe oo wa MaXhosa, mme jaanong, ditsela tsotlhe ditlaabo di lebile kwa Manyana kwa Kgosi Kebinatshwene a tlaabong a apeswa letlalo la nkwe. Ke ngwao ya Setswana gore kgosi fa e bewa kana e tlhongwa, e apeswe letlalo la nkwe.

Ga se kgosi nngwe le nngwe e e apeswang letlao la nkwe, se se laola fela ke bogolo kana maemo a gagwe mo morafeng oo. Bahurutshe boo-Manyane ba tlaabo ba diragatsa ditso jaaka ba tlaabo ba apesa kgosi ya bone letlalo la nkwe, mme le fa gontse jalo, bangwe ba ka ipotsa gore go tsile jang gore Kgosi Kebinatshwene a bo a ise a ko a apesiwe letlalo la nkwe.  Dikarabo tsotlhe di mo polelong e e mabapi mme fela re ka tlhalosa gore ngwao yone e tlaabo e diragaditswe.  A re itekeng rele merafe e e farologaneng mo Botswana go tsosolosa dingwao tsa rona.