Naledi

Leo ga re ka ke ra le tlodisa matlho

Mangwe a makgotlana a ke a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (village development committees). Motse mongwe le mongwe o na le lekgotlana le, e le lone matlho le diatla tsa puso foo.

Makgotlana a, a lebaleba tse di tlhokwang mo motseng oo, e le tse di ka tlhabololang motse. E re fa go ka bonwa  sengwe, lekgotla le nne fa fatshe, le loge maano a gore go ka dirwa jang ka seo, mme e re fa go kgonegang teng, tiro  e tswelele, ka tsela nngwe motse o tlhabololwe. Makgotlana a, gantsi a itsiwe ka go aga matlo mme a hirisetse ba ba tlaa bong ba tlhoka boroko, e ka nna badirela puso, kana batho bangwe fela.  Lekgotla le bone madi mme ka one le tswelele  le dire ditiro tse dingwe. Nako nngwe, le fa madi a le teng, ka ditiro di dintsi, go bo go ka nna ga tlhaela mme gore komiti e boe e nne fatshe gape, e bone gore fa go tlhaelang teng,  go ka thijwa jang. Go utlwala gore, kwa Hatsalatladi, mo kgaolong ya Kweneng, e rile e bona e kete tsela e tlaa nna thata,  VDC ya tla ka mogopolo wa go dira/foroma ditena gore e tle e di rekise, e dire madi. Ga twe komiti e simolotse tiro e ya go dira ditena ka ngwaga wa 2014. Go bolelwa fa mo nakong eno tiro e dirwa  ka lenaneo la Ipelelgeng, e bile e le yone tiro e tona ya Ipelegeng mo Hatsalatladi. Potso e ka nna gore, ga tla jang gore komiti e tle ka mogopolo wa go dira ditena?

Ga twe modulasetilo wa komiti a re, ba ne ba bona batho ba aga thata mo Hatsalatladi mme ditena di tsewa kgakala. Mo go raya gore, batho ba ne ba sa kgone go bona ditena gaufi. Go di bona, e ne e le gore  ba rwale ditlhako ba di latele golo gongwe kwa kgakala.  Mme go nne jang? Tiro e nne bokete ka go ne go raya gore batho ba tseye mosepele wa go di latela kwa di teng, ba bo ba duelele mosepele wa go tla ba di rwele go tswa koo.  Komiti ya leba mme ya bona se, e le phatlha e e tshwanetseng go thibiwa ka go ne go se na ope yo o dirang ditena mo Hatsalatladi ka nako eo. Komiti ya bona gore, fa mongwe a ka nna teng, o tlaa thusa, a kgaolele batho mosepele, a bo a kgone go itirela madi.

Go bolelwa fa tiro e, e tsamaya sentle thata, e bile e dira madi go feta matlo a a hirisiwang. Go lebega madi a, a tlaa thusa komiti go nna e tlhabolola motse. Ga twe ka madi a e setseng e a dirile ka go rekisa ditena, VDC e ikaelela go tsenya motlakase mo matlong a yone. Go ya ka pego, mogopolo ke gore  matlo a, a gokelwe motlakase pele ga ngwaga ono o fela. Le fa gone tiro e tsamaya sentle, ga twe fa e simololwa, e ne e le bokete ka e ne e duelelwa ka madi a letlole la VDC mme go se ke go nne le dipoelo dipe. Go raya gore, ditena di ne di dirwa, di rekisiwe, mme madi ao a fete, a duele babereki, letlole la komiti lone le sale le atlhame fela.  Ipelegeng ya tla ya thusa. Polelo e ya go dira ditena kwa Hatsalatladi re e begelwa ke Dikgang (Daily News, Labotlhano Phukwi 14 2017) Mo pegong e, go na le mafoko mangwe a a sa kwalwang sentle mme ao, re ka a tlodisa matlho, kgotsa ra a tlhokomolga. One molato ka one ke fela gore ga a kwalwa ka fa a tshwanetseng go kwalwa ka teng. Mme lefoko lengwe ke leo, lone ga re ka ke ra le tlodisa matlho. Lone ke phoso e e farologang le tse dingwe mo pegong ele, ka le bua se sele, e seng se pego e neng e batla go se bua.

 Fa e bega ka gore tiro ya go dira ditena e simolotse e dirwa ka madi a VDC mme ya tloga ya dirwa ka Ipelegeng, Dikgang (Daily News) ya re;

‘.....marago ga sebaka ba di foroma ka lenaneo la Ipelegeng.’

Lefoko ke leo  ga twe, ‘ marago ga sebaka’  A lefoko ‘marago’  le dirisitswe sentle fa? Nnyaa. Re tlaa dumela gore ga se ka bomo, ke phoso.

E ntse e le phoso, ga re ka ke ra e tlodisa matlho ka e bua se sele , e seng se pego e neng e batla go se bua. Marago le morago ke dilo tse di farologang thata Jaanong, go tila diphoso tsa mohita o, a e re re kwala, re ele tlhoko gore ra reng.