Naledi

A re bue ka lesupi le lebadi

Gare ga tsone go leina (noun), leemedi (pronoun), le lediri (verb).

Fa ba fetela pele, ba re dingwe tsa dikarolo puo  tse, ke ditlhaodi (qualificatives). Ditlhaodi di tlhalosa dilo ka go di tlhaola mo go tse dingwe. Dingwe tsa ditlhaodi tse ke lesupi (demonstrative) le lebadi (enumerative). Mmualebe o lemogile gore, fa go kwalwa Setswana, batho bangwe ga ba kgone go farologanya lesupi le lebadi. E le eng go nna jaana? E le ka gore, gantsi ditlhaodi tse, di dirisa mafoko a a tshwanang, mme a farologanngwe fela ke gore, a kwalwa jang.

A re tseye sekai re re, Dikgethe o ile go nosa. Fa a le koo, go nwa kgomo thokwana e bidiwa Khupamarama, tse dingwe tsone di bifela metsi ao. E ka re a bua ka Khupamarama, Dikgethe a re, ‘Go nole kgomo ele fela.’ Mo seeleng se, lefoko ‘ele,’ ke lesupi. Dikgethe o tlaa bo a bua ka kgomo a e supa e le golo gongwe fale; e le kgakajana. Fa e le gaufi le nna yo a buang nae, o tlaa re, ‘ Go nole kgomo eo,’ mme fa e mo atametse kgotsa rotlhe e re atametse, a re, ‘Go nole kgomo e.’  O tlaa lemoga gore, mafoko ‘e,’  ‘eo,’ ‘ele,’ otlhe a supa gore selo se go buiwang ka sone, se kae, kana se fa kae; jalo he, a bidiwe lesupi.

Jaanong, a re re, Dikgethe o bua ka palo ya dikgomo tse di noleng. Ka go nole Khupamarama fela, Dikgethe o tlaa re, ‘Go nole kgomo e le nngwefela.’ Fa godimo fale, re rile, lesupi le lebadi, e le ditlhaodi, di dirisa mafoko a a tshwanang mme di farologanngwe fela ke gore, mafoko ao, a kwalwa jang.

Mafoko a lesupi, a a tshwaragana, fa a lebadi one a kgaogana. Jaaka re setse re buile, fa re re , ‘Kgomo e le nngwe…..,’re bua ka palo, lefoko ‘nngwe’ e le lone lebadi. Fa re re, ‘Kgomo ele e tlhagile,’ foo gone re a supa.

Go ntse jalo ka nako tsotlhe. Mafoko a e leng lesupi a a tshwaragana; a e leng legokedi la lebadi a a kgaogana. Fa re re, ‘Magapu ale a budule,’ re bua ka magapu a a buduleng, re a supa golo gongwe. Gape re ka re, ‘Magapu a le mabedi a thubegile; dilepe di le tharo di robegile.’ Foo, re tlaa bo re bua ka palo. A e re re kwala, re ele tlhoko, re farologanye lesupi le lebadi.