Naledi

Arabelang Puso ka bofefo

Go ntse go tlwaelesegile mo dingwageng di se kae, di ka nna tlhano, tse di fetileng gore, baanamisa mafoko ba maphata a puso ba diega go araba dipotso ka mekwalo e e romelwang kwa maphateng a bone. Go ne ga umakega mo tsamaong ya nako gore, makwalodikgang a a ikemetseng ka nosi, a felela a kwala dikgang tse babadi bangwe baneng bare, ga di na boammaruri, kana ga di na mabaka a a tlhotlhomisitsweng sentle. Bakgadi ka bontsi, bogolosegolo ba ba direlang puso, bane ba kgwela botlhoko bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi ka seemo se.

Bosheng, bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi bone jwa ithuna dinta mme jwa leka go netefatsa fa ba romela dipotso ka botlalo ka ditlhotlhomiso tsa bone, eleng go direla gore ba arabiwe ka nako e e dumalanweng, gongwe mo dioreng tse masome a mabedi le bone. Gone ga pala, mme seemo se sa baya bobegadikga jo bo ikemetseng ka nosi ka fa mosing.

Mabaka mangwe a ne a supa fa tiego go tswa kwa pusong mabapi le dikarabo, e kgona go tsaya sebaka sa dibeke dile nne. Se sene se bakela bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi kgwetlho ya go fefogela dikgang tse di siiwang ke nako. Fa gongwe, dipolelo dingwe di ne di feletsa di kwalwa di sena maikutlo kana kakgelo ya bao ba ba amegang jaaka Goromente. Jaanong, re lopa bagolwane ba maphata a puso ka go farologana go fefogela go araba dipotso tse di tswang kwa bobegadikgannyeng jo bo ikemetseng ka nosi. Go makgetho a le mantsi bobegadikgang bo romela dipotso kwa maphateng a puso e le dikgang tse di tlhokang seabe sa one, mme bagolwane ba itiri moruti o tsididi ka go tsibogela dikarabo tseo. 

Mme e ntse e le yone gape puso, e ngongorega ka fa bobegadikgang bo bo ikemetseng ka nosi bo gatisang dikgang ka teng ba sa rurufatsa boammaruri le modi wa dikgang tse di amang puso.

Le fa gongwe go atle go nne le dikgatiso tse di sa rurufadiwang mo go tseneletseng, se be sa phiri ke gore le yone puso e tshwanetse ya itshekatsheka mabapi le go fefogela dikarabo tse di tswang kwa bobegadikgannyeng jo bo ikemetseng nosi.  Fa gongwe dikarabo ga di arabiwe gotlhelele, mme megadikgang a tlodisiwe koi ka seemo se.

Seemo se, a se tsibogelwe ka ponyo ya leitlho, e seng jalo, dikgang dingwe di a go tswelela di kwalwa go se na seabe se se rurufaditsweng sa puso.

Go tlaabo go nne le ketsaetsego go tsweledisa pego kgotsa go ntsha pego eo ka nako ee tshwanetseng. Se ko phelelong e nna dikakanyetso fale le fale gore bobegadikgang bo bo ikemetseng ka nosi ga bo tlhodumele ditlhotlhomiso tsa bone mo go tseneletseng.

Mangwe maphata ke ao, re a a bona gore a dira ka bonokopila go dirisanya sentle le bobegdikagng jo bo ikemetseng ka nosi, mme fa ele magwe one, go boka sefefo sa kilo le poifo mo bobegadikgannye jo bo ikemetseng ka nosi. A re chengcheng betsho.