Naledi

Mapodisi a thinkgetse

 

Mogolwane wa Sepodisi se eseng sa seaparo Nunu Lesetedi o ne a tlhalosa fa bale malala a laotswe ka seemo sa go fetisa ditagi ese ka fa molaong kwa melelwaneng ya lefatshe leno le a a mabapi. O boletse gape fa ba tla tswelela ba phuruphutsha malwapa le go dira dikganedi gongwe le gongwe ka maikaelelo a go alafa bolwetse jo.

Naledi le yone fela jalo, ene ya bolotsa letsholo la go batlisisa gore mapodise go ralala lefatshe leno, a dira gole kana kang go lwantsha seemo se.

Mo metseng ka go farologana ga yone, bogolosegolo kwa mafelong a go nang le melwana teng, mapodise a thinkgetse ka ba tsweletse ka go tshwara badira molato ba ditagi tse di sa letlelelweng go tsena mo lefatsheng leno.

Mookamela mapodisi a Shakawe, Goitsemodimo Molapisi a re, dikgang tsa gogweba ka diritibatsi di ba tshwentse fela thata. A re ba leka ka tsotlhe go tshwara badira molato mme bothata ke letlhoko la di dirisiwa jaaka dintsa tse di dupeleleng ditagi.

Molapisi o tsweletse a re mo ngwageng ono, ba kwadisitse dikgetsi di le nne (4) go simolola fela ka kgwedi ya Ferikgong go fitlha ka Lwetse. Mo dikgetsing tse, ba ne ba tshwara mosadi wa dingwaga tse di magare ga masome a mararo le botlhano le masome a mane le botlhano. A re mosadi yoo, o setse a tswa go itshupa fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata. O boletse fa a lebisitswe molato wa go rekisa motokwane, ebile a setse a atlhotswe madi a dikete tse pedi tsa Dipula (P1,000).

E ntse e le kwa Shakawe, Molapisi a re ba tshwere le makawana a dingwaga tse di lesome le bosupa, ba eleng baithuti ba sekole s s golwane sa koo, ba sena go fitlhelwa ka motokwane o basimane bao, ba boletseng fa ba o tsere mo batsading ba bone go o rekisetsa baithuti ka bone.

Molapisi a re go gantsi go amega basadi mo borukutlhing jo, ka ba tshwarwa thata ba o rekisa kwa malwapeng a bone.

Kwa Charleshill, Ramapodisi Lebani Burns a re diritibatsi di goroga kwa motseng wa bone ka tsela ya Gaborone-Ghanzi, tota le Mamuno. Burns a re motsamao wa dikoloi tsa mogobagoba, o rotloetsa seemo se, ka ele mapodisi ba sa kgone go tlhatlhoba dikoloi tsa botona jo bo kalo.

A re, molao ga o ba letlelela go bula dikoloi tsa bone, mme go nne thata go ka itse se ba se rweleng.

Burns a re lephata le le kgonang go dira tiro eo ya go phuruphutsha mo go tseneletseng, ke la BURS, mme a re seo ga se diragale jalo ka gore ga gona moitsaanape wa tiro eo. Burns a re, batho ba tla ka diritibatsi tseo, mme ba di beye sekgalanyana go nna ba tlola molelwane ka one (motokwane), o se montsi go fitlhela o fela.

Burns o boletse gore ba setse ba kile ba tshwara bomme bangwe ba Bazezuru ba le babedi mme ba nna mmogo, ba le dingwaga tse di fagare ga masome a mararo le masome a mane, bone ba tlholega kwa Tonota. A re ga se lantlha ngwaga ono, ba tshwara bomme bao ba ba rekisang diritibatsi tsa cannabis. A re ba kile ba ba tshwara gape ka ngwaga wa 2016.

O tlhalositse gape gore go lebega bomme bao, ba o reka golo gongwe mme ba gana go ba bolelela gore ba o tsaya kae. A re ba o rekisetsa metsana e gaufi le bone jaaka kwa Ncojane le Kalfontein.

Fa kwa Molelwane wa Martins Drift, Mookamela Mapodise Thomas Samasasa o boletse fa ba kile ba tshwara diritibatsi tseo mo di koloing tsa batho. A re mo di kgetsing tse tharo tse ba ditlhotlhomisitseng, badira molato e ne e le Batswana mme ba akaretsa batswa ba mafatshe a Zimbabwe, Aferika Borwa le Swaziland.

Samasasa a re mo kgaolong ya gagwe go amega banana ba ba dingwaga di fagare ga masome a mabedi le botlhano le masome a mararo le botlhano (25-35) ba bontsi eleng borre. O boletse gore le fa ba sena dintsa kgotsa mochini o o dupang, ba leka fela thata go lwantsha seemo se.

Kwa Ramatlabama, Zibani Mbisana a kaile fa borukhutlhi ba diritibatsi bole kwa godimo thata mo kgaolong ya gagwe. Mogolwane Mbisana a re ba setse ba kwadisitse dikgetse di le masome a mararo le bongwe (31) tsa go gweba ka diritibatsi.

Mo go tsone, a re diritibatsi di akaretsa di pilisi tsa di Cytotic, Motokwane, Methacathonone. A re motokwane o kwa godimo thata ka dipalo tsa melato, ka di tsamaya mo go masome a mabedi le bone (24), fa Methacathonone di le tharo, Cytotic e le boraro fa cocaine yone e le nngwe.

O tsweletse ka go tlhalosa gore gantsi ba tshwara borre thata mme e bile e le Batswana. A re basadi bone ba tshwarwa ka tsone dipilisi tsa di cytotic. A re gantsi batho ba botlhe ba ba tshwarelwa ko molelwaneng wa Ramatlabama.