Naledi

MaXhosa a ipelela ngwao

 

Mokete o, o diragetse ka matlhatso a re tswang mo go o ne. Magareng ga merafe e, ya bo le MaXhosa a motse oo, a letso la Amahlubi. Gape gole MaXhosa a tswang kwa Mahalapye le dikgaolo tse dingwe jaaka tsa Molepolole le Mochudi, tota le bangwe go tswa kwa Borolong le Aferika Borwa.

E re ka e ne ele peo ya kgosi, go ne go se thona go supa boitumelo ga banni ba Bikwe jaaka ba ne ba opela dikoma le mmino wa setso sa bone. Mengwe ya e eneng e kgatlhisa thata, e bile e ne ya emeletsa Kgosi Kebinatshwene Mosielele le Mothusa Tautona Mokgweetsi Masisi, ya bo ele wa go itumelela go goroga ga basimane ba MaXhosa fa ba tswa di thabeng, morago ga go arwa letloa la bonna. Ba opela jalo supa go rwala maikarabelo a go simolola lewapa.

Mmino o, o binwa jaana basimane ba salane morago ka mola, mme ba itshome fa gare ga bomme ba ba, ba opelelang. Basimane ba bereka go ripitla lefatshe ka dinao, ba bo ba leme dinako ka magetla le go ntsha sehuba.

Baabo ba dira jalo go supa gore jaanong ba nonofetse go gatlhamela tse di masisi tsa lefatshe le go supa go nonofa ga bone. Mengwe ya merafe e e itseng go kgadiapetsa megolokwane ke MaXhosa, mme e bile ba dira jalo ka botswerere. Kapari ya bone le yone e ntle fela thata ka mebala e e galalelang ka go farologana. Ditalama le mekgabisa ya difatlhego ene e khatlhisa thata. Ba bile gape ba supa botswere jwa go oplea mme ba dira jalo.