Naledi

Bo nnana ba rutiwa ngwao

 

Maikaelelo a moletlo o, ene go dira mo gotweng, el ojwa le sale metsi mme bagogi jwa sekole se, ba bona botlhokwa go ruta bana ba bone Ngwao ya Setswana.

Sekolo se, se nale baithuti bale masome a boferabobedi (80), mme e le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano (5yrs).

Mogokgo wa sekolo seo, Maemo Modikwane a re ke ngwaga wa bone wa ntlha go nna le letsatsi la ngwao, fa e sale ba bula sekolo sa bone ka ngwaga wa 2013.

Modikwane o tlhalositse gore, thuto ke yone motheo wa sengwe le sengwe mo botshelong. A re, go botlhokwa go rutuntsha bana go tswa ko bonnyeng jwa bone, go itsa gore ba makalele dilo ba ba setse bale ba godile.

A re, ba batla go tswelela ba dira se ngwaga le ngwaga go leka go lemotsha bana gore ngwao e botlhokwa go le kana kang, ka go supa kapari, dijo le mmino wa setso.

A re o dumela gore, go dira jalo gotla ba fa lesedi jwa ngwao ya batsadi kgotsa botshelo ba motswana.

O boletse gape, fa a dumela gore ngwana o tshwara dilo ka bontsi a santse a le dingwaga tse di kwa tlase, ka jalo o ne a bona go le botlhokwa go simolodisa sekolo sa bana ba ba ngwaga go ema ka ngwaga tse tlhano.

A re, se ke go leka go sedila bana di tlhaloganyo pele ga simolola dithuto tsa bone tsa mophato wa ntlha.  A re mme le fa go ntse jalo, o lemogile gore batsadi malatsing a no le bone ba dumelana le mogopolo wa gore sekolo se botlhokwa fela thata, go nale go batla motlhokomedi wa ngwana.

Modikwane a re,o rotloetsa batsadi botlhe go isa bana ba bone dikolong ba sa re ba santse ba le bannye.

A re, le fa go ntse jalo ba bone ele tshwanelo go ruta bana ba Batswana dilo tse di farologaneng di akaretsa ngwao, sekgoa, maitseo, go bala le go kwala.

Modikwane, are mokgwa wa go ruta bana sekgoa fela ntswa ba le Batswana ga se one. A re, go a gakgamatsa le go swabisa go utlwa ngwana wa Motswana a sa itse teme ya ga rraagwe kgotsa mmaagwe, go akaretsa ga mmogo le ditso tsa segarona.

O tsweletse a re, mo malatsing ano o kgona go bona ngwana a fetsa sekolo kwa mmadikolo mme a sa itse le yone ngwao tota, e ntse e le botshelo jo bo tlholegileng bo tshelwa ke batsadi ba rona.

O gakolotse batsadi go tswelela ka go rutuntsha bana ka tsa ngwao gore e seka ya latlhega, ka wa maloba a ile a re, “Sechaba se senang ngwao ke mokang se latlhegileng”.