Naledi

A re tsosoloseng ngwao

Le fa go se kitla go lekana, a re tsweng mo moweng wa go emela go gakololwa go tsosolosa ngwao ya rona.

Re dumela gore morafe mongwe le mongwe mo Botswana o na le medi ya ditso tsa one, mme se se botlhokwa ke go dira ka natla go batlisisa mekwalo ya ditso tsa yone, ka go lebega bontsi jwa ditso tsa rona di sa kwalwa. .

Batswana betsho a re, tsosoloseng ngwao ya borraetsho. A re ikgakoleng ditiro tsa Setswana tsa merafe ya rona mme re netefatse gore ngwaga le ngwaga re dira meletlo, e eleng ya se nnela ruri, ya dijo tsa rona, mmino, kapari, meopelo, diteme ga mmogo le metshameko le ditiro tsa rona tsa Sestwana. 

Go dira jalo go ka thusa ba le bantsi mo setshabeng bogolosegolo bana ba eleng gone ba tlhagogang ga mmogo le bone baeng ba rona. .

Mowa wa go dirisanya sentle mo go tsosoloseng ngwao, o ka thusa gape go aga merafe ya rona, mme re dira jalo re etse tlhoko setho sa rona ka Motswana A KILE A RE 'mOTHO KE MOTHO KA BABANGWE le gore sechaba se senang ngwao ke mokang se sesuleng'. Puso le yone e tlhapolotse letso gore ema nokeng mme go mo go rona go ithulaganya. Ba ga rona kwa mafatsheng a a mabapi le bone ba ka nna le seabe mog tsosolseng.