Naledi

Mme Gaotime Pilane o re tlogetse

Gaotime Kebao Pilane
 
Gaotime Kebao Pilane

Mma Motswana, yo mokwadi yono a neng a mmitsa nkuku, mme ene (moswi) a rata go bitsa mokwadi yo, mmangwane kana ngwana wa ga mmangwane, ka gone go ne go ntse jalo, o tlhokafetse Phukwi e le lesome le boraro (July 13 2017) mme a bolokwa e le masome mabedi le bobedi (July 22) kwa Molepolole. Nkuku o tlhokafala jaana morago ga go lwala ka lobakanyana. Tota ka dingwaga di setse di kgabagantse, mmele le one o setse o lapile, o ne a ntse a tsamaya ka bokoa.

Go bolelwa fa nkuku a tshotswe  ka 1915, motse o sale ka kwa Ntsweng. Fa a tlhokafala, o ne a setse a digetse dingwaga tse di lekgolo le bobedi (102).

E ne e le ngwana wa bobedi wa ga Samahika, morwadia Kgosiesele, kwa Goora Tshosa, le Setshegetso, morwa Mhiko, wa kgotla ya Difetlhamolelo, mo Molepolole.

A tsena sekole mme a felela fela ka lokwalo lwa borao (Standard 3) Ka 1934, Gaotime a nyalwa ke Segale Pilane kwa Mochudi. Ga twe ka nako eo, o ne a setse a ineetse mo kerekeng ya Lontone (LMS) mme nyalo ya mo hudusa koo, a ya Dutch Refomed church. Kwa morago, ene le Rre Pilane, ba hudugela Molepolole mme ba feta ba boela mo LMS.

Fa go buiwa ka botshelo jwa gagwe, dibui tsotlhe di ne tsa bua thata ka lorato lwa gagwe, bonatla, le boineelo jwa gagwe. Go boletswe fa ene le Rre Pilane ba ne ba thusa thata mo go agiweng ga kereke ya Leologa/Shepherd Memorial Church. Ka kereke e, e agilwe fa go matlapa, ga twe Rre Pilane o ne a  tlhagafalela go thuba matlapa ao, fa nkuku ene a ne a feela mo kerekeng. Fa kereke e se na go agiwa, Rra Motswana a nna motlhokomedi wa yone, Mma Motswana ene a ruta Sekole sa Tshipi (Sunday School) le Baipoledi go fitlhelela a emisiwa ke bokoa.

Mafoko magolo a dibui ya nna gore, a bana botlhe ba gagwe, ba mo etse, ba ikanye Modimo, ba bo ba dire tsotlhe tse di molemo tse a neng a di dira.

Nkuku o tlogela ngwana wa mosadi a le mongwe, mogwe, dibetsi tse pedi, bana ba bana ba le bantsi. Ka letsatsi la bofelo re kgaogana nae, ga go keledi e neng ya rotha ka re dumela gore, o re godisitse, jaanong ke nako ya gore a ikhutse. A mowa wa gagwe o robale ka kagiso