Naledi

Khama o robile

 

Khama, yo bontsi bo mo lemogileng fa a rata metshameko ya dithuuthuu le difofane, go inaakanya le tshomarelo tikologo le bojanala, o ne a makatsa ba tsena ditshupo tsa Serowe ka go supa mmidi o mahibidu ga mmogo le tswina tse tsotlhe di gapileng maemo a boraro, mo dikarolong tsa tsone.

Go ya ka Mokwaledi yo o faphegileng wa ga Tautona, Brigadier George Tlhalerwa, Tautona Khama o na le tshimo kwa Taukome le Chadibe.

A re go dingwaga dile mmalwa Tautona a ntse a dira dipatlisiso tsa ka fa a ka inaakanyang le temo-thuo ka teng.

A re mo nngweng ya ditshimo tsa gagwe, tse eneng ele tsa batsadi ba gagwe, o ne a tlhopha ya Taukome go lema dijwalo tse di farologanyeng jaaka lab-lab, mmidi, o one o gapileng maemo a boraro mo ditshupong tsa Serowe.

Tlhalerwa a re go ne kwa tshimong ya Taukome, e e dihekere tse tlhano, Khama o lemile mehuta ya ditlhare tsa maungo tse di ungwisiwang ke metsi a pula.

A re ntswa leuba le ne la ama temo ya dingwaga maloba, Tautona o dikile a tokafaditse temo ya gagwe, ka thuso ya ga Dineo.

“Tshimo ya ga rraetsho ya Taukome ena le sediba, le fa a se fitlhetse se tlhoka go gogwa di phaephe le go tlhatswiwa. O ruile dikoko tsa Setswana, dipodi le dinku tse le tsone ka palo, go kwa kwalelwang kwa gae ka tsone,” Tlhalerwa a tlhalosa jalo.

O boletse gape fa Tautona Khama a kile a lema dipotata le ditamati ka ngwaga wa 2016, kwa tshimong ya gagwe kwa Chadibe.