Naledi

A ke go tlhoka lesego?

Puo ya go tlhoka lesego, e dirisiwa ke batho ka go farologana, mapolitiki, baruti, bagwebi tota le mongwe le mongwe, fa ba leka go tlhalosa maikaelelo a bone a go abela motho kana mokgatlho wa bangwe ba ba amilweng ke dingwe dikgwetlho tsa lefatshe.

A re buiseng puo e ereng “motho yo o tlhokileng lesego”. Ke motho yo o ntseng jang? A o kile a batla lesego mme a retelelwa ke go le bona, kana o kile a nna le lone mme la mo tswa diatleng?

Mongwe le mongwe, fela jaaka gotwe mmualebe o bua la gagwe.. o ka tlhalosa ka fa ene a bonang puo e ka teng. Mme fela, rona re bona fa puo eo, e ganetsana le Setswana se sereng “motho yo o kobo dikhutshwane”, kana jang?

Ra re ke eng go sa twe “go thusa motho o dikobo dikhutshwane, ka gore le fa o le monnye dikobo di ka nna dikhutshwane, ke go ka ya gore di a go tlhaela le fa ele tsa dingwaga tsa tsago. Se se ranolela mo go reng, o lebanwe ke dikgewetlho tsa botshelo, tse o di fithetseng le batsadi ba gago, kana o sokola go gogobela botshelo.

Tona mme fela, ke mang yo o abetsweng lesego mo lefatsheng, go na le yo mongwe? Ka le yone Baebele ya re “re tla tshela ka mofufutso ya diphatla tsa rona”, go sa reye gore fa o tlhaela mo botshelong o tlhokile lesego, mme fela, o a bo o fitlhetse lelwapa le o tsholetsweng mo go lone le aparetse ke seemo sa lehuma kana letlhoko.

Ga gona gope fa lesego le tsena teng. O tla nna le lesego kana go le tlhoka fela fa o kile wa ralala makgatlhannathapong, le go tlola melatswana. E seng fela gotwe motho o tlhikile lesego.  A re eleng tlhoko mafoko re a dirisang go fema lekgobo mo go ba ba dikobodikhutshwane.