Naledi

Lebele le godisa losea sentle

 

Tlhaloso e e dirilwe ke Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Dorcas Makgato kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la kamuso ka lebele, kwa Thamaga ka mafelo a beke e re tswang mo go yone.

Makgato o amogane le batsena segopotso gore, lekgotla la Mafatshefatshe la Botsogo (WHO) le akanyetsa gore masea a ka nna sedikadike (P1.5 million) lefatshe ka bophara, ba a tlhokafala ngwaga le ngwaga, ka go bo ba sa amusiwe. A re go amusa, ntle le dikotla tsa gone tse di siametseng losea, go thusa gape go busetsa popelo ya mme mo maemong a yone, go dira jalo ele go fokotsa go dutla madi ga ga mme. O tsweletse a re go amusa go thusa gape go fema go kokonelwa ga mme le rre mo lelwapeng ke itsholelo ka go reka mashi a sebagabiki kana thini, gangwe le gape.  E ntse ele kwa moletlong oo, Tona Makgato yo gape eleng Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami o boletse fa lephata la gagwe le tsweletse ka go rutuntsha bodiredi jwa botsogo ka kamusu ya lebele.

A re se se raya gore kgabagare ba kgone go sedila maikutlo bomme ba ba amusang, bogolosegolo ba ba tshelelang mo tikologong ya bao ba ba tshelang le mogare wa HIV.

“Mme yo o tshelang le mogare wa HIV, fela jaaka mme mongwe le mongwe, o na le tshwanelo ya go nna le ngwana mme se botlhokwa ke gore, a bo a tseneletse lenaneo la PMTCT. Go dira jalo, go thusa gore mogare o seka wa ama ngwana,” Makgato a tlhalosa jalo.

O boletse fa go le botlhokwa go sala ditaelo tsa bongaka morago gore kgabagare mme a kgone go amusa losea la gagwe ntswa a tshela le mogare wa HIV.

E ntse ele kwa moletlong o, Tona Makgato o ne bolela fa dipalo tsa kgaolo ya Kweneng Botlhaba tsa botsogo, di supa fa ena le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, ba ka nna makgolo a mabedi le boraro (23,000) di sala morago tsa kgaolo ya Gaborone. A re dipalo tseo, di supa fa seemo sa mmopamo se le ko godimo gona le dikgaolo tse dingwe ka go bo kamuso ka lebele e kwa tlase, ka ebile kgaolo e kgolo thata.

Makgato a re ke ka moo, lephata la gagwe le tsereng tshwetso ya go ketekela moletlo wa monongwaga wa kamuso ka lebele, se ele go rotloetsa mosola le botlhokwa jwa dikotla tsa kamuso le botsogo jwa losea jo bo duleng diatla.