Naledi

Bongwefela jwa �magosi� ke eng?

Naledi o ka dira mme ya re a ntse a tsweletse, a bona gore, o dirile go lekanye, jaanong a neye yo mongwe le ene a leke. Yoo le ene a tsene, a leke. E re a ntse a tsweletse, a lape, mme le ene a neele yo mongwe a thuse.

Go utlwala fa se, se ne sa dirafala kwa Tonota, Phukwi e le lesome le borobabobedi, ngwaga ono. Ga twe ka tsatsi leo, Kgosi Ramosinyi Radipite o ne a fologa setilo sa bogosi, mme a se naya morwawe, e bong Bokamoso Radipitse. Go begwa fa Kgosi Radipitse a busitse ka lobaka, a ne a tlhatlhama Kgosi Bobe Tshipane, jaanong a bona e le nako ya gore a ikhutse.

Fela jaaka go a tle go nne go direge fa mogolo a tlogela tiro, go utlwala fa go ne go le bagolo bangwe go tla go mo tsamaisa sentle, le go amogela yo mosha. Ga twe, gare ga bagolo bao, go ne go le Kgosi Sediegeng Kgamane yo o boletseng fa a ne a tlhoma Kgosi Radipitse kgosi ka1988. Pego ya re, Kgosi Kgamane o ne a bolela fa Kgosi Radipitse a diretse morafe wa gagwe ka natla, nako e yotlhe ba goga mmogo sentle; a bopa morafe a o dira ngata e le nngwe.

Go ya ka pego, Mothusa tona ya Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, le ene a bo a le koo. Ga twe le ene a akgola Kgosi Radipitse, a mmolela fa a lereditse morafe wa gagwe ditlhabololo. Nngwe ya ditlhabololo tse go bolelwa e le leobo la kgotla le le agilweng ka boipelego bo rotloediwa ke ene kgosi. Mme thata ga twe mothusa tona a lebogela gore Bakhurutshe ba dumalanye ka mowa o le mongwe go neela morwa kgosi setilo; a re se, se tshwanetse go tsewa malebela ke merafe e mengwe go tila dikgogakgogano tsa bogosi.

Kgang e ya Tonota re e begelwa ke Dikgang (Daily News/ Mosupologo Phatwe 21 2017). Fa e bega ka fa Mothusa tona a neng a bua le Bakhurutshe ka teng, Dikgang ya re; ‘O boletse fa dikgogakgogano tsa go tlhopha magosi di na le seabe se segolo mo go busetseng kwa morago ditlhabololo le ditiro tsa puso.’ Ga twe a bua jalo mothusa tona.

Jaanong lefoko ke leo, ga twe ‘magosi’ go tewa dikgosi. Gompieno Mmualebe ga a na lepe. O botsa fela gore, bongwe (singular) jwa lefoko ‘magosi’ ke eng? A ke ‘kgosi?’ A fa re re, ‘kgosi, magosi,’ re bua sentle? A kana lefoko le, ga le na bongwe?

a new name as the BSE Transition Act of 2015 allows the BSE to assume a name that suits the requirements of the exchange, particularly its vision to become world class.

 

 The BSE is currently engaging stakeholders to solicit suggestions on possible names the bourse could adopt, post demutualisation.

Through an internal process at the BSE, some names have already been proposed which include, Botswana Stock Exchange Limited (BSE Ltd), Botswana Securities Exchange (BSX), Botswana Securities Exchange Group (BSE) and Botswana Securities Exchange Holdings (BSE).

“The proposed names are informed by research, brand identity, the need to be world class as the vision of the BSE prescribes, and the trends in the local securities market.

“However, in finality and having taken stakeholder views into account, the BSE Main Committee will make the final decision and appropriate recommendation to the Minister,” she said.

The BSE is currently in the first year of its five year strategy in which it, amongst others, aims to grow the ratio of the BSE’s market capitalisation to gross domestic product from 34% to 40% by 2021 as well as increase the number of domestic companies listed from 24 to 30 by 2021. In the 2016 financial year, the BSE realised revenues of P31.7 million and posted a profit of P8.4 million.