Naledi

Lerothodi la Vitamin A

Lefa go ntse jalo, batsadi bangwe ba bana ba bone ba setseng ba noitswe lerothodi le, ba supile matshwenyego ka ditlamorago tsa lone.

Bare bana ba supile ditlamorago tsa letshololo, le letlhatso le amangwe. Mathswenyego a, a bonetse mo maranyaneng a FaceBook fa e sale lenaneo le simologa. 

Jaanong seemo se, se setse se baka ketseetsego mo batsading ba bana go ralala lefatshe leno, bogolosegolo bao bana ba bone ba iseng ba noswe lerothodi

Mongwe o ka botsa gore a mme gone dithuto kgotsa dikgakololo tsa go tsibosa sechaba kwa dikokelwaneng, tota le mo maranyaneng a di teng.

Re kopa gore Lephata la Botsogo le Boitekanelo e tsibogele matshwenyego otlhe se ele go rokotsa maikutlo a batsadi le go netefatsa tshireletso mo lerothoding la Vitamin A.