Naledi

CEDA, eseng kwa Tsabong

Tona Vincent Seretse kwa Palamenteng ya lefatshe leno
 
Tona Vincent Seretse kwa Palamenteng ya lefatshe leno

Karabo e, ene e rolwa ke Tona ya Lephata la Kgwebo, Papadi le Madirelo Vincent Seretse bosheng kwa Ntlong ya Dikgosi. Seretse o ne a bolelela Marara gore, go tswalwa ga ofisi ya CEDA kwa Tsabong go ne ga bakwa ke go re lekalana lene le leka go fokotsa ditirelo tse dingwe tsa lone ka maikaelelo a go tokafatsa maduo le ditlamelo tsa lone.

Ofisi ya CEDA kwa Tsabong e ne ya tswalwa ka ngwaga wa 2010, mme boemong jwa yone, monongwaga, ga bulwa e nngwe kwa Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone. Ofisi eo, e thusa ka ditlamelo mafelo a Macheng a Lehututu, Tshane, Lokgwabe, Kang le mafelo a mangwe a a mabapi.

Le fa go ntse jalo, baagi ba Tsabong ba patelesega go ya Hukuntsi le Kanye go ya go kopa dithusa tse di maleba.

Mabapi le motse wa Tsabong le metse e e mabapi kwa kgaolong ya borwa, office ya CEDA kwa Hukuntsi e dirile lenaneo le ka lone e tla atumeletsang ditlamelo kwa Tsabong, mme go dirwa jalo ka go etela teng gangwe le gape.

Seretse o ne a tswelela ka go tlhalosa gore, ofisi ya CEDA kwa Hukuntsi e tsweletse ka go rulaganya go reka dikoloi dile tharo ka ngwaga wa madi wa 2017 le 2018, se ele go tsibogela dikgwetlho tse di leng teng go thusa metse e e kgakala ditlamelo tsa CEDA.

E re gontse jalo, Seretse a re lekalana le CEDA le tlaabo le age ofisi e nngwe kwa Kasane ngwaga o otlang, se ele go leka go tokafatsa ditirelo tsa lone le go atumeletsa ditlamelo tsa lekalana leo kwa batho baleng kgakala le tsone.

Seretse o ne a araba potso e boditswe ke Kgosi David Toto II wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa. Kgosi Toto o ne a boditse Tona Seretse gore, a o tla sekaseka tshwetso e eneng ya tsewa ya go tswala ofisi ya Tsabong. Toto o ne a tlaleletsa potso ya gagwe ka gore seemo sa gompieno, sa go tswalwa ofisi ya Tsabong, se pateletsa baagi ba kgaolo ya gagwe go ya bokgakala jwa kwa Kanye, go dira jalo gole turu.

Kgaolo ya Kgalagadi Borwa e itlotlomatsa ka thuo e e tsweletseng pele ya dihutshane, bogolosegolo kwa metseng ya BORAVAST (Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek le Struizendam).

Bosheng kwa kgaolo e, go ne ga tshwara dithuto sekadipuisanyo ka thuo ya dikgomo le dihutshane, maikaelelo ele gore, barui ba ntshane seinong ka kgodiso e e phaphegileng ya lerumo ka kakaretso.

Barui bao, jo bontsi jaanong e setseng ele banana, bane ba tlhatlhelana ka methale e mesha ya go rua mo diemong tsa komelelo jaaka kgaolo ya Kgalagadi e tshabelelwa ke leuba.

Mabapi le botsogo jwa dihutshane, go bolwetse jo bo tshabelelang dipodi wa Metsi a pelo, jo ga ntsi e nnang jone jo bo rontshang barui ba dikgaolo tse di kwa ntle ga Kgalagadi go reka dipodi tse di tlhotlwa tsa kgaolo eo.

Mme le fa gontse jalo, barui ba Kgalagadi ba tsweletse ka go rua matsopa a mantle a dikgomo le dipudi ga mmogo le dinku mme ba dira jalo ka mananeo a goromente a tshwana le a ISPAAD e e faphegileng.