Naledi

Ba Motokwe ba a kubetsana

Motokwe
 
Motokwe

Tiragalo nngwe ke ya mafelo a beke kwa Motokwe, e mo go yone Naledi e neng buisana le Kgosi ya motse o, Kgosi Olebogeng Puleng go batlisisa ka maraganateng a bogosi jwa koo.

Kgosi Puleng o ne a tlhalositse fa madubadube a bogosi a simologile ngwaga o o fitileng, fa a ne a biditse morafe wa gagwe go tla go o rolela tshwetso ya go tlogela tiro ga gagwe ka bogodi. Puleng a re o ne a itsise morafe gore mogang a se a se kotamololang, o ikaelela go se neela ngwana wa gagwe Neo Puleng.

A re ka maswabi, morafe o ne wa re le fa o santse o tla amogela go tlogela tiro ga gagwe, o ganana le gore morwa wa gagwe a se kotame. Kgosi Puleng a re morafe o ne wa tlhalosa fa go tshwanetse ga nna le tlhopho ya o o tla mo tlhatlhamang, o bolela fa le ene a tsenye mo maemong ao ka tlhopho.

Kgosi Puleng o tsweletse a tlhalosa gore, bogosi jwa Motokwe bo tswa goolowe bo eteletswe pele ke ntlokgolo ya bogosi jwa Mokwena, kwa moragonyana ga ngwaga wa 1973.  A re motse wa Motokwe o ne a busiwa ke Kgosi Utlwile Seboni, e le Mokwena. Puleng a re kwa tshimologong ya ngwaga wa 1973, rre Motibane Bokgengwe o ne a tlhongwa go nna kgosi ya Motokwe mme go ise go goye gope, ga tsoga dipharologano mo motseng go kaiwa fa Kgosi Bokgengwe e se motho yo o ka bopaganyang morafe, e bile gotwe ga a rate kagiso.

“Mme rra, ka ngwaga wa 1974, Kgosi Bonewamang Sechele o ne a leka go mo kgalemela mme go sa ikokobetseng le go tlhoka tsebe ga gagwe, ga felela go dira gore a latlhegelwe ke setilo sa bogosi,” Kgosi Puleng a tlhalosa jalo. Morago ga seemo seo, Kgosi Puleng a re ene le rre Gaothuke Mantswemabe ba ne ba tlhongwa go nna balebeledi ba motse.

Puleng o tsweletse a re, ka ngwaga wa 1975 Kgosi Sechele o ne a ikgata motlhala gape  go leba kwa Motokwe, ka maikaelelo  a go tsamaisa ditlhopho tsa yo o tla tshegetsang maemo a bogosi jwa motse oo. A re ditlhopho di ne tsa tshwarwa mme a fetoga mofenyi kgatlhanong le Monopi Tlotlang.

Kgosi Puleng a re ka nako eo, phenyo ya gagwe e ne ya tsosa modumo o magatwe a reng o ne o kukediwa Tlotlang. Pule a re morago ga gore modumo o ritibale, Kgosi Sechele o ne a fudusa Kgosi Kwenasereto Sebele go tswa kwa Moshaweng, kwa a neng e le kgosana teng, go dira jalo ele gore a ye go nna kgosi kwa Motokwe.

Go ya Puleng, go ne go lebega fa Kgosi Sechele a lemogile fa morafe wa Motokwe o kgaoganye ka maikutlo mabapi le go itlhophela kgosi ya one.

Puleng a re,  ka ngwaga wa 1979 o ya fifing, Kgosi Sebele o ne a lwala mme jaaka e ne e setse e le selo modiro mo motseng wa Motokwe, ditlhopho tsa tshwarwa. Ka nako eo, Kgosi Puleng a re o ne a seyo a le kwa majako ko Tsetseng mme o ne a tlhophiwa mo boseong jwa gagwe go nna kgosi ya Motokwe. A re bangwe ba ba neng ba tseneletse ditlhopho tseo, ke rre Mogorogi Kgosietsile le Ramosesane Kgosietsile.

“Ke ne ke seo a ke la tlhophiwa, ke iketse morakeng mme ga ke ise ke ko lopele maemo a bogosi mme kene ka leboga le go lemoga fa morafe wa Motokwe o ne o ntshepha. Jaanong, ke swabile nko go feta molomo gore batho ba Motokwe ba ne ba ntshephile mme gape kene ke solofetse gore ba tla dumalana le tshwetso yame ya go bega ngwanaka, yo ke mo le nna ke mo tshephang,” go bua jalo Kgosi Puleng.

Kgosi Puleng a re ga a dumalane le dikgang tsa dinonyane tse di tletseng mo Motokwe gore o tshwareletse, a re o ipotsa gore o tshwareletse mang. O tladitse ka gore semorafe ke sone se kgoberang tlhoko kutlwisisano ka kgang ya bogosi.

A re kgang ya bogosi jwa Motokwe e ka rarabololwa fela ke Kgosi Kgari Sechele II wa Bakwena le Kgosi Itsoseng Gaonwe wa Letlhakeng.

Mo maitekong a Naledi a go rurufatsa kgang e, Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, mme Tlotlo Mohurutshe o boletse fa ofisi ya gagwe e sa itse sepe ka kgang e.

Maiteko a go buisana le Kgosi Kgari Sechele  II a ne paledisiwa ke go pitlaganngwa ga gagwe ke ditiro tse dingwe tsa ofisi ya gagwe.