Naledi

Loaro la borre le ntsha maduo

 

Se se senogile mo thuto seka dipuisanong ya Lephata la Botsogo le Boitekanelo bosheng.

Pego ya Lephata le,e supa fa dipalo tsa  batshela le mogare ba le dikete tse di makgolo  mane a roba boraro le makgolo a mararo a nale masome a mabedi le borataro.  

Lekalana la Thibelo mogare wa HIV, le senotse dipalo mabapi le dikatlego le dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone mo lenaneong le, kwa thuto-puisanyong le dingaka tsa setso le baporofiti beke e e fetileng mo Gaborone.

Le boletse fa go dira loaro ga borre, go thusa go fokotsa kanamo ya mogare o mosha.

 A re borre bale dikete tse di lekgolo le masome a robang bobedi le bosupa, le makgolo a robang bobedi le masome a supa (187,830) ba setse ba dirile loaro fa e sale lenaneo le simolola ka 2009.

Le fa go ntse jalo, Lephata le ne le ipeetse seelo sa dikete dile makgolo a mararo le masome a robang bobedi le botlhano (385,000) ngogola. O tsweletse a re ntswa ba sa kgona go fitlhelela sephatlo ka na go feta, ba namediwa ke gore, ko tshimologong dipalo dine di le bohutsana fela thata.

La re mabaka a ne a le mantsi a aneng a dira gore borre ba seka ba itshupa ka dipalo tse di nametsang.

Go boifa botlhoko jwa loaro le lobaka lwa go fola ga loaro, ke mangwe a mabaka a go sa itshupeng ga borre.

La re jaanong le setse le diragaditse methale e mengwe ya go ngoka borre jaaka go ipapatsa mo metsweding ya bobegadikgang, jaaka ba seromamowa, thelebishini le Makwalodikgang. Lephata la re le tokafaditse le dipalo tsa bodiredi ga mmogo le mafelo a nakwana a loaro ga mmogo le dipalamo. 

“Re simolotse thulaganyo e e tseneletseng ya go atolosa lenaneo mme re remeletse kwa kgaolong ya Borwa jwa Ngwaketse le Borolong. Re tla leka go dira maaro a le dikete dile borobabobedi le makgolo a robang bobedi le masome a mabedi le boraro ((8823),”mogolwane wa botsogo a rialo.

E ntse ele kwa bokopanong jo, maloko a makgotla a dingaka tsa setso le baporofiti a ne a itlama go gakolola balwetsi ba bone ka botlhokwa ja go dira loaro. Ba boletse fa bangwe ba balwetsi, ba tla ka malwetse a dikobo mme go supa jalo gore tiriso ya khondomo e wetse tlase, ka jalo malwetse a dikobo a anama thata.