Naledi

Ntwa kgatlhanong le AIDS e tsweletse

Se se senogile bosheng mo thuto-seka-dipuisanong e eneng e rulagantswe ke Lephata la Botsogo le Boitekanelo.

Bokopano jo, bo ne bo itebagantse le go rutuntsha dingaka tsa setso ka seemo sa kanamo ya mogare mo Botswana, le metlhale e puso e e dirang go tsibogela manokonoko a segajaja.

Pego ya Lephata le, e supa fa go setse go itlhatlhobile batho ba ka tshwara dikete dile makgolo a mane Le boraro (403,336), mme ele ba ba fitlhetsweng ka mogare wa HIV.

E re go ntse jalo, batho ba le dikete dile makgolo a le mararo le bobedi (302,453) ba mo lenaneong la diritibatsi. Bale dikete dile pedi le masome a robangbobedi le bobedi (282,976) ba le mo mehameng wa bodirelapuso le makalana a a gwebang le puso.

Batho bale dikete tse di lesome le boferabongwe (19,477) ba le mo mehameng o o ikemetseng ka nosi.

E ntse ka tsone dipalapalo tse, batho ba ba tlhokafetseng ntata ya malwetsi a a amanang le HIV kana AIDS, ba masome a mabedi le borobabobedi (28,012, ka ngwaga wa 2017.

Ka fa tlase ga lenaneo la diritibatsi (ART), pego e e tswelela e tlhalosa fa go na le dikgwetlho di tshwana le go sa latedisang bao ba ba lebaneng ke kalafi, kana ba le mo go yone. 

Lenaneo la PMTCT lone, le tsweletse sentle ka e bile dipalo di supa fa bomme ba tsibogela lenaneo le ka dipalo tse di nametsang.

Sebe sa phiri ke gore gona le bana bangwe ba ba santseng ba tsholwa ka mogare. Mabaka ele gore bomme bangwe ba baimana ba diegela go itlhatlhobela mogare mme ba e kokelong go le thari, ka jalo losea le amiwe ke mogare.

Bana ba ba mo kalafing ya diritibatsi, ba dikete tse di borataro le makgolo a mararo (6,387).