Naledi

A re tsibogeleng dipolaano

Re botsa gore, tota modi wa kgang ya bo ele eng, le gore dipolaano tse di bakwa ke eng, re lebile maikutlong mmolai?

Ditiragalo tse di ntsi tsa mofuta o, di begwa e kare mmolai ga ntsi e abo ele rre, mme bo mme ba ka tsena mo seatleng.

Makalana a puso jaaka a sepodisi le a merero ya selegae jaaka a bo mmaboipelego, ga ntsi e nna bone ba ntlha go tsibogela matshwenyego a tlhoko kutlwisisano mo malwapeng. Ba nna ba lalediwa go tsereganya mo dikgannyeng tsa dikgang di tshwana le tsa go kubetsana ga bana ba motho mo go lweleng boswa kana dikhumo dipe fela jaaka tse batsadi ba bone ba di kgobokantseng.

Dikgang tsa tlhoko kutlwisisano mo barataning, ga se ga ntsi bo mmaboipelego ba umakiwa mo go tsone, fa mapodisi o ne, a akarediwa fela morago ga bo setlhogo jo bo ka tswang bo setse bo diragatse.

Fa ele makalana a a ikemetseng ka nosi o ne, tota a a tlhametsweng go tsibogela dikgang di tshwana le tsa kgokgontsho mo malwapeng, a dirang go thusa go fema matlhotlhapelo a mofuta o? Go ga ntsi ba sepodisi ba kopa sechaba go bega dikgang tsa lesotlo le kgokgontsho tse fa gongwe di bakang dipolaano.

Mme re bona jalo batho ba tsweletse ka go bolaana, eleng baratani.

Go na le kgang ya go boulela, e ga ntsi e dirwang ke ngwana wa mosimane, fa gongwe a akanyetsa gore wa mosetsana o a mo tsietsa.

Wa mosetsana ene, le fa a ka tswa a boulela, ga se gantsi a ka bolaya wa mosimane mme a ikgapela botshelo. Se se bakwa ke eng betsho.

A ke kgang ya gore, gona le ka fa ngwana wa mosimane a godisitsweng ka teng, go lebilwe dikgang tsa kgokgontsho? Ke ka jalo Naledi e botsang gore tota maikutlo a batho bogolosegolo baratani, a bo a ntse jang go baka diemo tse? Bangwe ba atle bare ke eng fa bane ba sa kope thuso ya go tsereganngwa, a mme gone go a diragala gore baratani e re ba le mo tlhoka kutlwisisanyo ba kope thuso, mme atlege?

Re kgothatsa maphata a a lebaneg jaaka a botsogo le boitekanelo, sepodisi, ba dikgaolo, bana le metshameko, dikgaolo le tlhabololo magae, ka go tlhatlologana ga makalana a one a a maleba, go rulaganya Pitso e banaleseabe ba ka ntshanang se inong mabapi le bothata jo.

E bile, go ka akaretswa le bone bao, ba ba kileng ba amiwa ke ditiragalo tse, a e ka tswa ele ba ba kileng ba baka dipolao mme ba tsena kgolegelo mme morago ba sidilega maikutlo.

Fa ele makalana a a ikemetseng ka nosi o ne, tsholofelo ke gore a atolosae ka fa a thusang mo dikgannyeng tsa kgokgontsho le dikgotlhang mo malwapeng.