Naledi

Asbestos e borai - Goya

Goya a re, go na le dikago tse pedi tsa mofuta wa Asbestos kwa sekoleng se se golwane sa Motsumi, tse di dirisiwang ke basimane le basetsana e le tsa botlhapelo. A re dikago tse di agilwe ka ngwaga wa 1998, ka maikaelelo a go tsibogela mosuke wa bana mo dikagong tsa sekole seo.

Mopalamente o boleletse palamenteng beke e e fetileng gore, dikago tsa matlwana a borutelo tse di dirilweng ka Asbestos di ka baka bolwetse jwa makgwafo, ka go hema lerole la yone.

O tlhalositse gape gore, lephata la gagwe le tlhabolotse matlwana a boitiketso a mafuti ka 2012, go nna a a dirisang metsi, ebile ele a mofuta wa ditena. A re sebe sa phiri ke gore, baithuti jaanong ba tsweletse go ra dirisa a Asbestos.

Mothusatona Goya, yo gape eleng Mopalamente wa Palapye, o tlhomamiseditse Palamente gore lephata la gagwe le tla thuba dikago tseo ngwaga o o tlang wa 2018 o simologa.

O tsweletse a re, dikago tse dintsha tsa botlhapelo di na le matlwana a boitiketso a le mane, mme mo go one, ale mararo ele a a dirisang metsi, fa e le nngwe e le ya lefuti. A re le fa gontse jalo, baithuti ba dirisa ntlwana ya lefuti go nale tsa metsi ka a tswa ka selekanyo se se kwa tlase.

“Sekolo se sena le seemo sa metsi a a tswang ka selekanyo se se kwa tlase, mme re tla batlisisa gore go bakwa ke eng. Fa ele gore go tla tlhokafala pompo e e fetlhang metsi go tswa ka seemo se se botoka, re tla e reka mo ngwageng o o tlang ka kgwedi ya Firikgong” a rialo Goya.

Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Sethomo Lelatisitswe o ne a boditswe ona gore, dikago tsa mofuta wa Asbestos di agilwe leng le gore a ga a bone di ka tsenya botsogo jwa baithuti mo diphatseng.

Mopalamente wa  Ghanzi Bokone, Noah Salakae o ne lene a botsa Tona ka seemo se sa matlwana a sekole sa Motsumi, le gore a o tla rwala maikarabelo fa go ka tlhagoga seemo sa bolwetsi jwa makgwafo kwa sekoleng seo.