Naledi

Bakwena ba tla leta thata!

 

Mme fela, go lebega lerole la motse o, le tla tswelela le o okame dingwaganyana ka peipi e e gogang metsi go tswa kwa Bokone jwa lefatshe leno, e tla wediwa go gokelwa ka ngwaga wa 2020.

Se ya bo ele karabo ka Mothusa Tona wa lephata la Tsamaiso Merero ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho Leswe, Itumeleng Moipisi kwa Palamenteng bosheng.

Moipisi o boleletse Palamente gore, kgokelo ya dipeipi tsa metsi go tswa bokone jwa lefatshe leno, etla akaretsa kgaolwana ya Mmamashia, kwa metsi atlaabong a tlhatswiwa teng, pele ga a fitisediwa kwa metseng ya Kanye, Moshupa, Thamaga le Molepolole, le emengwe fela jalo.

Moipisi o tsweletse a tlhalosa gore, thulaganyo ya kgokelo ya peipi ya North South Water Carrier (NSWC) e tla sologela molemo banni ba dikgaolo tse a di nankotsweng, Molepolole a le moteng. A re gonna teng ga metsi, go tla thusa gape go atolosa mananeo a tshwana le a Nyeletso Lehuma le go tlamela dikgwebo tsa diotele, le mefuta e mengwe ya dikgwebo.

A re ditogamaano fa di dirwa, e ne e le gore ka ngwaga wa 2011 go bo setse go dirilwe motse wa Molepolole, mme ka letlhoko la madi, se ga se kitla se wediwa ka nako e eneng e solofetswe.

“Lephata la me le ikaelela gore ka ngwaga wa 2018 le 2019 le bo le setse le thapile kompone e e tla gokelang motse wa Molepolole, tiro e e tla simologang ka kgwedi ya Diphalane ka 2018 go fitlhela tiro e wela ka 2020. Le fa go ntse jalo, re solofetsa go tokafatsa seemo gore Molepolole a kgone go bona metsi sentle ngwaga o o tlang, go simolola ka kgwedi Moranang, fa motse wa Thamaga one, o tla amogela metsi go tswa kwa NSWC, ka jalo Molepolole o tla imisa go nosa Thamaga”, go bua jalo Moipisi.

O tsweletse a re mabapi le go gokelwa ga sediba sa Malwele, go tla simolola ngwaga o o tlang kgwedi ya Tlhakole go fitlha sefela ka kgwedi ya Diphalane 2018,a re peipi e e gogang metsi yone, etla simolola koo ngwaga wa 2019 o simologa mme tiro yotlhe e fele ka ngwaga wa 2020.O bile a bua ka didikadike dile makgolo tsa Dipula (P100m) di seegetswe fa thoko mo letloleng go tswa bankeng ya mafatshe fatshe World Bank).

Ngogola kgaolo ya Mokwena bogolosegolo ya Mmopane, ene ya amiwa thata ke lenyora, seemo se Batswana abeng ba kgona go fetsa kgwedi go sena thothi. Dikgwebo le tsone tsa simola go runya jaaka borre le bomme ba matshelonyana ba ne segetswe fa lefureng.