Naledi

Pharologanyo ke eng?

‘Dilo makwati di a kwatabolotswa.’ Kgang ya tswa gone fa, ra re, setlhogo se, ke seane se tota se reng, ‘Dilo makwati di kwatobololwa mo go ba bangwe.’ Mme se raya eng? Se raya gore, dilo di bapalwa mo go ba bangwe.

Go bapala mo, go sa reye go bapala fela jaaka re ka ya go bapala moretlwa kwa nageng.

Go bapala mo gape go raya go ithuta, go tsaya malebela mo go ba bangwe.

Sekai ya nna gore, o ka bona motho a dira sengwe, mme wa ema foo, wa lebelela jaaka a dira. Ka go lebelela jalo, o ithute  sengwe, e re ka moso, o tsoge o itirela.

Gone fa, ke gone Motswana a re, dilo makwati di kwatobololwa mo go ba bangwe.

Ka tota potso e ne e le gore, makwati ke eng, ra tlhalosa gore makwati a tshwana fela le letlalo la phologolo.

Re ne ra re, fela jaaka mmele wa phologolo o apesitswe ke letlalo, setlhare sone, go simolola ka modi, go tsena thito le dikala, se apesitswe ke makwati. Jalo he, re ka re, makwati ke one letlalo la setlhare.

Potso e nngwe ya nna gore, go kwatobolola ke eng, mme ra re, go kwatobolola/kwatobolotsa, ke go manolola, go ntsha, kana go tsaya.

O ka kwatobolola lekwati mo godimo ga logong kana setlhare, wa latlhela mo isong, wa tukisa molelo. Gape, o ka kwatobolotsa sengwe mo go Naledi; ke gore wa se itseela mme ya re Naledi a re o a gana, wa mo raya wa re, ‘Dilo makwati …..’ Morago ga kgang e ya makwati, mongwe o ne a botsa gore, sebetlela sone ke eng, le gore, se farologana jang le lekwati.

Re a tle re re, pele ga dilo tsa Sekgoa di tlala lefatshe, Batswana ba ne ba itirela dilo tsa bone.

Ba ne ba bopa ka letsopa, ba sega/roka matlalo, ba bile ba betla ka logong, ba dirisa petlwana.

Fa motho a betla, o bopa logong ka fa a tlaa bong a batla lo nna ka teng.

Fa a batla go dira motshe, logong loo lo tlaa nna motshe; fa a batla lo nna mogopo, le gone go nne fela jalo. Diphatsa tse di tswang fa go betliwa, ke tsone dibetlela.

Re wele re re, pharologanyo fa gare ga lekwati le sebetlela ke gore, sebetlela se tswa fa go betliwa; lekwati lone o le manolola fela, go sa tlhokane le gore o bo o betla.