Naledi

A re begeng ka tikologo

Ntswa thulaganyo eo ene ele ya botlhano e rulaganngwa, ka setlhogo sa Alternative Mining Forum, e ne ya ngoka kemedi ya metse e e amilweng ke kgotlesego ya ditswa mmung. Morago ga bokopano jo, Boeteledipele jwa BCC bone jwa lemoga fa maikaelelo a bone a ka setswe tema fa bobegadikgang bo sa akarediwe mo monnong wa lekgotla kana kereke wa go lopa puso go sekaseka melawana mengwe e e gwetlhang tlhokomelesego ya tikologo le pabalesego ya loapi mo metseng le meraka, masimo a a ka amiwang ke ditlamorago tsa meepo. Jaanong, re kopa jalo gore bobegadikgang jwa lefatshe leno bo tlhwaafalele go kwala ka dikgang tse di amanang le tikologo. Se seka dirwa jalo ka go tlhotlhomisa dikgetsi tsa mafelo a a amilweng ke mesi, metsi le di gase tse di tswang mo ditswammung tsa meepo mo Botswana.

Makgotla a tshwana le a SADC, ya re ngwaga le ngwaga a dire dikgaisanyo tsa babegadikgang ba ba gaisitseng mo mehameng e e farologaneng ya bokwadi, bokapaditshwantsho, le go bega ka waelese. Sekai se, ke go supa gore BCC e na e maikaelelo a go dira seo le yone mo nakong e e eseng kgakala, se ele go rotloetsa go bega le go kwala dikgang tsa tikologo mo Botswana.

BCC  ene ya dira maiteko a mangwe gape ka mafelo a beke kwa Mahalapye, a go laletsa babegadikgang go tswa kwa mohameng wa puso le o o ikemetseng ka nosi, maikaelelo ele go ba rutuntsha ka dikganag tse di amanang le kgotlelesego ya tikologo. Ba bile ba runtshiwa ka go ela tlhoko mafelo a a gotlhegileng ele ka bo seakaka, mafelo a a amilweng ke go sa gopiwa ga leswe le metsi a a leswe. Mesi e e ka amang tikologo mme e tswa gaufi le meepo e ne ya nna kwa setlhoeng mo thutusekadipuisanyo eo.  Babegadikgang ba ne ba itlama go tsosolosa mowa wa botlhaga wa go tlhotlhomisa le go tsibogela ka pene le diromamowa dikgang tsa kgotlelesego ya tikologo le gore a go salwa morago melwana e eleng teng, le gore a ga e a fetwa ke nako.