Naledi

Khansele gae tlhorontsho ope

Mogwebi yo mo potlana a leka go itshetsa borotho jo bo gadikilweng
 
Mogwebi yo mo potlana a leka go itshetsa borotho jo bo gadikilweng

Tshireletso a re Khansele ya Gaborone e tsaya tsia seabe sa bagwebi potlana mo go godiseng itsholelo ya toropo ya Gaborone, a re ke jaaka ba letleletsweng go rekisetsa mo mafelong a sechaba. 

Mothusatona Tshireletso a re le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga netefadiwa fa Batswana e nna bone fela ba ba letlelelweng go rekisetsa mo mafelong a a bulegileng a sechaba. A re go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ba rekisa dithoto tse di letlelesegang ka fa molaong mme eseng nnotagi, diritibatsi tse di seng ka fa molaong, melemo e e sa laolelwang go rekisiwa le go gweba ka madi a mafatshe a sele.

O tsweletse a re, ka dinako dingwe go ka nna le dipatiko tsa go sala molao morago, tse di bakang gore go nne le ditlhotlhomiso. O bile a fa sekai ka thekiso ya nama e a reng go ka tlhoka gore go batlisisiwe gore e tswa kae le gore a ga se ya bogodu jwa leruo.

Tshireletso o boletse gape fa botsogo jwa mojimoreki bo tla pele, mme ka jalo go tshwanetse ga netefadiwa fa mafelo a go rekisetswang mo go one a le phepha tota le tikologo ya one. A re malwetse a mangwe a kgona go bakwa le ke one magotlo tota.

o boletse se bosheng kwa palamenteng fa a ne a araba potso ee neng e boditswe ke mopalamente wa Gaborone Bokone, Haskins Nkaigwa.

Mabapi le mananeo a Nyeletso Lehuma, a batho bangwe baneng ba tshoga gore a tla amiwa ke seemo sa go tlhorontshiwa ke ba Khansele ya Gaborone, Tshireletso o boletse fa a aba batho go tswe tlhoko seemo sa fa a direlwang eng le gore a go siametse botsogo jwa mojimoreki. Mothusatona Tshireletso o ne a araba potso kwa Palamenteng e boditswe ke Mopalamente wa Gaborone Bokone, Hasking Nkaigwa, yo aneng a batlile go itse gore, thulaganyo eleng teng ke efe ya go tsibogela go tlhorontshiwa ga bagwebi ba ba potlana ba ba direlang mo mebileng ya Gaborone, mabapi le molao wa botsogo jwa sechaba.

Nkaigwa o ne gae a batla go itse gore go dirwa gole kae go ananya molao o le wa tsamaiso ya lenaneo la nyeletso lehuma, le gore go femiwe go tlhorontsha bao ba ba sologetsweng mosola ke lenaneo leo e bile e setse ele bagwebi.