Naledi

Motlhala wa ga Uncle Bob

Mugabe
 
Mugabe

Pele le ne le bidiwa Southern Rhodesia mme ya re morago ka dingwaga tsa bo 1960 la bidiwa Rhodesia le reeletswe ka Cecil John Rhodes. 

Lekgoa le, ke lone la ntlha go romela makgoa mangwe go tla go nna mo lefatsheng Zimbabwe ka dingwaga  tsa bo 1890.   E ne ya re ka ngwaga wa 1923 palo potlana ya batho basweu ba lefatshe le, ba tsaya tshwetso ya go le busa ka bobone.  Ba bua ba sa ošaoše gore ba batla go ipona ba ipusa ka bobone, ba sa tlhakane gotlhelele le batho bantsho. 

Ba ne ba tsaya tshwetso e, ba eteletswe pele ke Ian Douglas Smith.  Semiti a gana nnang wa banyana go ka tlhakanela puso le batho bantsho.  Godimo ga moo, ga nna le mafelo a e leng a basweu fela, le a e leng a bantsho fela.  Go ya ka Semiti, mafelo a e ne e le a a faphegileng, ka jalo a tshwanetse batho basweu fela e seng Bokafore, jaaka ba ne ba tlwaetse go bitsa batho bantsho mo nakong eo. 

E ne ya re ka dingwaga tsa bo 1970, ga nna le ntwa ya maraganateng a bana ba mpa.  Batho bantsho ba ipopa go lwela lefatshe la bone.  Ga tlhongwa sesole sa go lwantsha mmuso wa bokoloni, se eteletswe pele ke Josiah Tongogara.  E le sesole se se neng se rutilwe botsipa jwa go lwa ka mokgwa wa tiitii pote, o ka puo ya seeng go ka tweng Guerrilla Warfare.  Nnete le gale ke gore, go ne go na le ditlhopha tse pedi tsa sesole go ya ka  diphathi tsa batho bantsho.  Go ne go na le sesole sa phathi ya ZAPU e eteletswe pele ke Joshua Nkomo. 

Go ne go na le sesole sa phathi ya ZANU.  Phathi e e simolotse e eteletswe pele ke Moruti Ndabaningi Sithole.  E ne ya re morago ya kgaogana ka bogare mme lekgamu le lengwe la etelelwa pele ke Robert Gabriel Mugabe.  Phathi ya ZANU e ne ya tswa mo go ya ZAPU ka ngwaga wa 1963.      

Joshua Nkomo le Robert Mugabe ba ikopanya go lwantsha mmuso wa bokoloni wa ga Semiti.  Ba ne ba engwa nokeng ke Tautona Samora Machel go tswa kwa lefatsheng la Mozambique le mafatshe a mangwe a tshwana Zambia, Tanzania, China, Algeria, Romania le Yugoslavia. 

E ne ya re ka ngwaga wa 1979, mmuso wa bokoloni wa patelesega go golola bantsho mo bokgobeng.  E ne ya re mo ngwageng o o latelang wa 1980, lefatshe le la tshwara ditlhopho.  Banna ba le bane ba tsenelela ditlhopho go batla setilo sa go etelela lefatshe. 

E ne e le Joshua Nkomo, Robert Mugabe, Mobishopo Abel Muzerewa le Moruti Ndabaningi Sithole.  E ne ya re kwa bofelong Robert Mugabe a fenya ditlhopho mme a tlhongwa tonakgolo wa lefatshe leo.  Rre Canaan Sodindo Banana a tlhongwa tautona go fitlha ka ngwaga wa 1987.  Nnete ke gore maemo a botautona go katwe e ne e le tlotla fela ka gore marapo otlhe a ne a pegilwe Mugabe. 

E ne ya re ka ngwaga wa 1987 Mugabe a bewa tautona mo a neng a busa lefatshe le ka lebaka le le leele.  Go a lebega e ne ya re mo go buseng ga gagwe a itshela mmoko wa talane ka go busa ka seroophata.  E ne ya re mo bošeng jaana, a koba mothusa tautona wa gagwe, Mme Joyce Mujuru. Morago a tsenya Rre Emmerson Mnangagwa. 

Mo bogaufing, le ene a mo leleka mo maemong ao.   Mnangagwa a inaya naga go somarela botshelo jwa gagwe.    Ditiragalo tse di diragetseng mo nakong e khutshwane go a lebega tsa seka tsa itumedisa sesole sa lefatshe le, se se neng se eteletswe pele ke Rre Constantine Chiwenga. 

Ba bona fa kgokgontsho e jaanong e tapeya gotlhelele.  Ba lemoga fa jaanong tautona a tlogetse metsi a kgomile seretse. Ba bona ba sa bolelelwe gore ba tshwanetse ba baakanye seemo se.  E ne ya re fela ka kgwedi ya Ngwanatsele mo ngwageng wa 2017, ba tlamega go amoga tautona maemo a gagwe. 

Ga go a ya kgakala ka gore e ne ya re fela ka kgwedi ya Ngwanatsele e le masome a mabedi le bongwe tautona a ithola maemo.  Tshwetso ya felela e le gore mothusi wa gagwe wa pele Rre Emmerson Mnangagwa a tlhongwa tautona wa lefatshe mo kgweding yone ya Ngwanatsele e le masome a mabedi le bone gone mo ngwageng wa 2017. Ya nna ene tautona wa bobedi wa motho montsho, wa lefatshe le morago ga dingwaga di le masome a le mararo le bosupa Mugabe a se kotame.  Seemo se sa itumedisa batho ba lefatshe.  Ga nna boitumelo jo bogolo. 

Boitumelo tota morwa setshego boipelo bo le mpaananeng.  Ba lebogela gore jaanong ba tsena mo lebakeng le ba saleng ba le emetse.  Go a lebega go ya ka bone Tautona Emmerson Mnangagwa yo e reng ba mo reta ba mmitse; Kwena-ya-madiba kana The Crocodile ka puo ya seeng ke ene a tla ba gogelang Kanana.

KENNETH MOGAPI