Naledi

Rakhombi o tlhotlhomisetswa petelelo

 

Maleka o tshwaetse jaana ka nako e a reng, ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, monna mongwe wa mokgweetsi wa koloi e e rwalang sechaba (khombi) ya tsela ya Tlokweng route 4, a beteletseng mosetsanyana wa sekole, wa dingwaga tse di lesome le botlhano.

Ramapodisi o boletse fa tiragalo e, e diragatse ka Mosupologo wa beke e e fetileng. Maleka a re, ba santse ba tshegeditse rre yoo ka jaana ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, magareng ga mmelaelwa le motswa setlhabelo.

Maleka a re ka jaana ba santse ba tlhotlhomisa tiragalo eo, ba santse ba lobile maina a mmelaelwa mme ba ka a rebola fela morago ga ditlhotlhomiso di sena go wela.

Maleka a re  rre yoo, o latofadiwa jaana ele motho yo go utlwalang a nale mokapelo e bile ana le ngwana wa dikgwedi tse tharo.

Maleka a re banni ba Tlokweng ba setse jaanong ba tshelela mo letshogong la borukhutlhi jwa mefuta jo bo golelang pele.

E ntse ele kwa Tlokweng, Maleka o nankotse tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe (21), Maria Lesolebe a fitlhetsweng a tlhokafetse ebile a boloketswe mo ntlong ya ga rre.

Maleka a re ba tshwere Kediemetse Mogotsi mme ebile a setse a itshupile kwa lekgotleng la ga Mmakasetarata. A re ditlhotlhomiso di supile fa fa moswi le mmelaelwa, yo o dingwaga di masome a mararo le bone, ene ele baratani. Maleka a re moswi o ne a katololwa mme a fitlhelwa a le mo seemong se se maswe, ka go utlwala a sa bolo go nyelela kgwedi ya Moranang ele masome mabedi le botlhano.

Maleka, o boletse fa mme yoo, a bonwe la bofelo kgwedi eno ele boraro kwa mo ntlong ya mokapelo wa gagwe. A re, Mogotsi o ne a seka a loba gore ke ene a bolaileng Maria. A re ditlhotlhomiso tsa bone di senotse fa Mogotsi a boletse fa a ne a batla go fedisa lorato la gagwe le Maria, ka go mo bolaya.

Fa a ntsha kgakololo ya gagwe, Maleka o boletse gore go ipolaya kgotsa go bolaya motho yo mongwe ga se tharabololo mme ke go bakela ba malwapa o tlhe a a amegang kutlobotlhoko le matlhotlhapelo.

A re, bogologolo bakapelo ba ne ba sa nne mmogo go fitlhela ba nyalana.

O tsweletse ka go gakolola batho gore fa ba na le dipharologano mo maratong kana mo nyalong, ba kope bogakolodi nako e sale teng, go fema seemo sa go ka betwa ke pelo mme ditlamorago e nne tse di hutsafatsang.