Naledi

E seng DIS � Kwerepe

Noah Salakae
 
Noah Salakae

Kwerepe o buile jaana bosheng kwa palamenteng, fa a ne a araba potso ka Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Noah Salakae.

Mothusatona Kwerepe o boleletse palamente gore, dikgang tse di amanyang DIS le bogodu jo bo umakiwang, ga dina lepele le morago.

A re, le fa go kile ga nna le magatwe ka se, e bile mangwe a ne a kwalwa mo makwalo-dikgannyeng, kgangkgolo ke gore ga ana boammaruri. Kwerepe a re dikgang tse tsa di nonyane, di feletse di bolela fa go na le kgotlhang magareng ga Tona wa Lephata la Tikologo, Tshomarelo Ditsatlholego le Bojanala, Tshekedi Khama le Mookamedi mogolo wa DIS, Isaac Kgosi.

Kwerepe o boletse gape fa dikgang tse di umakilweng, bogolojang ka bobegadikgang, di makatsa ka lephata la gagwe le ba sepodisi sa Botswana, ba ise ba gatise dikgetse dipe tsa bogodu jo bo umakilweng. A re fa godimo ga se, ga go ise go ko go gatisiwe dikgetsi dipe tsa bogodu jwa dinaka tsa ditlou ka ngwaga wa 2016 le 2017.

Mopalamente Salakae o ne boditse Tona gore, a o itse ka kgang e, le gore ga a ise a utlwalele kana go e bona mo dipampiring.