Naledi

A bo radikhombi ba kgalemelwe

Go kopane le go phorwaphorwa ga bana ba dikole tse di kgolwane ke bakgweetsi bangwe ba dikoloi tsa sechaba, tota le go betelelwa ga bana bao.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, nno tagi le go gogela motokwane mo dikoloing tsa sechaba, ke bakgweetsi bangwe ke maitseo fela a a makgasa a a sa letlesegeng mo sechabeng.

Re dumela gore sengwe se tshwanetse sa dirwa go otlhaya boradikhombi ba ba sa itshwareng sentle, mme gongwe Pitso e ka thusa go rarabolola seemo se.

Lephata la Dipalamo le Itshireletso tseleng le lekalana la MVA, di ka thusa go rutuntsha boradikhombi ka matshwenyego a. Re dumela gape gore, go dirwe thulaganyo ya go kanoka matshwao a a ka kalang boitekanelo jwa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba, mme matshwao ao, a dire gore kwa pheletsong lephata la diteseletso le sekaseke teseletso tsa bakgwweetsi le tsone dikhombi tota.

Sengwe gape se se tshwenyang thata, ke go phorwaphorwa ga baithuti ba dikole tse di kgolwane. Ba ngokiwa ka mmino le madi, fa bangwe ba boletse fa ba ngokiwa ka diritibatsi tse ba reng di tse nngwang mo dinotsididing tsa bone ke bakgweetsi bao.

Jaanong, re dumela gore banaleseabe batshwanetse go ntshana se inong ka diemo tse, mme kgabagare go nne le tharabololo mabapi le maitseo a a lolea a.