Naledi

Ntshokele phaletshe ke dintwa fela � Batswana

 

Se mme go lebega se bakwa thata ke banna ba ba sa amogeleng go fela ga marato a bone le basadi ba ba ntseng ba nna le bone mo matlong e le bontshokelo phaletshe.

Ka jaanong go lebega dintsho tse di tsweletse ka go tlogela bontsi bo tletse ka mahutsana a go latlhegelwa ke bana, masika le ditsala, fa bangwe bone ba tsena ka dikgotla tshekelo, go arabela melalo e ya polao, Naledi e ne ya taboga le mekgwatlha ka Mosupologo go utlwa gore tota mme bothata bogolo bo ka tswa bo tswa fa kae.

Batswana ba le bantsi ba bolela gore tota bana ba segompieno ba eteleditse go rata lenyalo kwa pele, bogolo jang basadi, eleng seo bontsi jwa bone ba nnang mmogo e le baratani mo ntlong e le nngwe jaaka monna le mosadi.

Ba bolela gore go nna mo ga bone gantsi go simolola go le monate thata, mme fa nako e ntse e tsamaya, lerato le fokotsega, go simolole dintwa tsa letsatsi le letsatsi, tse dingwe tsa tsone matshelo a feletsang a latlhega.

Go nna mmogo mo ga baratani ba ise ba nyalane, go tlwaelesegile thata kwa ditoropong jaaka Gaborone, le metse e e gaufi jaaka Mogoditshane le Tlokweng. Mothusi Katse(43) wa Tlokweng a re o bona banana ba gompieno ba rata thata go inyadisa, mme ba tshela fela ka dintwa tse di sa rarabolosegeng, mo go felelang ka dintsho. Katse a re ga a dumalane le gore banana ba bo ba tsweletse ka go nna mmogo mo matlong jaaka okare ke banyalani.

A re o kile a bolelela bangwe gore, ene ga a batle go hirisetsa batho ba ba tsileng go nna e le baratani mo ntlong e le nngwe ka gore o ne a setse a lapisitswe ke go kgaoganya dintwa tse di farologanyeng bosigo le motshegare. 

A re baratani ba ba nnang mmogo mo matlong ba, kgotsa bontshokele phaletshe, ba tshwanetse go emisa mokgwa o, bogolo jang ka bontsi jwa bone ba nna jaana batsadi ba bone ba sa itse.

Bangwe le bone ba tsweletse ba kgala thata mokgwa o wa go nna mmogo ga banana ba gompieno.

Kgosana Samuel Ramotshweetshwee Sepotlo, o boleletse Naledi gore bone e le ba bogosi, gaba dumalane gotlhelele le mokgwa o wa 'Vate en set'.  A re mokgwa o, ga se boammaaruri ka gore ga gona gope fa batsadi ba bana ba amegang teng, eleng seo le fa ba tlhoka kutlwisisano go sena motho ope yo o nang le maikarabelo a ka ikuelang teng.

A re mabaka mangwe e nna fela e le bo o a ntsietsa ka monna yo mongwe, kgotsa ka mosadi yo mongwe, kgotsa monna a ngongorega ka gore mosadi a re ga a sa tlhole a mmatla, mme a re o senyegetswe mo go ene.

 Tseke tsone tse gantsi di felelang di baka dintwa le dipolaano tse di golang letsatsi le letsatsi tse, a re fate ente sete e fele.