Naledi

BMD e fetola Bobonong Kgaphamadi

Mongwe wa ba ba gobetseng ko Bobonong
 
Mongwe wa ba ba gobetseng ko Bobonong

Le fa go tlhole go na le letsomo la diphologolo, go lebega ba phathi ya BMD bone ba santse ba dumela mo tirisong ya dingwe tsa dibolai tse.

Phuthego kgolo ya BMD e e sa tswang go feta ka malatsi a boitapoloso a ga tautona, e ne ya aparwa ke dipuopuo pele ga e ya go tshwarwa.

Se e le go bo phathi e e ne e aperwe ke dikubetsano le mafoko a a botlha go tswa mo bagolong ba yone.

Dikubetsano tse, go lebega sentle fa di ne tsa tsenya maloko mangwe bogalaka jwa ntwa, mme ba itse gore loeto le ba letsayang go leba Bobirwa ga se se le le bonolo gotlhelele.

Pele ga phuthego kgolo e simolola barati le balatedi ba BMD go ya ka makgamu a bone ka go farologana, ba ne ba tsena mo ntweng ya masetla dibete. 

Ditlhabani ga dirisiwa tse go neng go se ope yo o  neng a di solofetse, jaaka direkere tse di kileng tsa bo di dirisiwa go tsoma mebutla kwa masimong le meraka.

Makau a phathi a ne a bonala a eme sentle go goga direkere tsa bone go tobetsana gongwe le gongwe fela, go sena yo o reng mongwe o tla a thubega leitlho. Tlhaselo e ya direkere e ne ya oketswa borai ke go kolopiwa ga mabotlele le matlapa, mme ya ka ponyo ya leitlho, motse wa Bobonong wa bo o fetogile kgaphamadi. Ka jaanong ntwa e e ne e kete go ilwe letsomo ko sekgweng, bangwe ba ne ba tsile ka dintsa tse di meno a bogale go tla go kgabetla ba ba lwang kgatlhanong le bone.

Sekole sa Matshekge se ne sa bonala se fetogile lefelo la ntwa e ya kgapha madi  a a neng a tshologa mo ditlhogong tsa bangwe jaaka ba ne ba bone dikgobalo tse di masisi.

Ka go ne go bonala sentle gore maBMD  ba batla go ntshana bonkane, go ne ga pateletsa mapodise go tsibogela go thusa.