Naledi

Kago ya kokelo ya Tsabong e tlhomamisitswe

Sepatela sa Sekgoma. Banni ba Tsabong ba eletse go agelwa sepatela jaaka se..
 
Sepatela sa Sekgoma. Banni ba Tsabong ba eletse go agelwa sepatela jaaka se..

Ka go ya kokelo e, e tla lopa puso di dikadike tsa di pula dile makgolo a mabedi le boferabobedi (P280miilion). Pego e tswelela e tlhalosa fa ditlhwatlhwa di tla sekwasekwa gape morago ga go dirwa ga moalo wa kago.

Kago ya kokelo e, e tla dirwa kwa setsheng se se bonweng kwa Tsabong kwa kgotlaneng ya Nhake, gaufi le sekole se se potlana sa kgaolwana e. Se tlaabo se bapile le mabitla a kgotlana eo le matlo a BHC.  Bogolo jwa setsha seo ke di ekere dile masome a mabedi (25.6Ha). Go bolelwa fa kokelo e etla akaretsa malao a balwetsi ale masome a supa (70), ga mmogo le dikago tsa matlo a boroko jwa Bodiredi dile masome a marataro le botlhano (65).

E ntse ele mabapi le pego eo, go bolelwa fa kokelo e e mo tirisong gompieno, kwa legareng la motse, gaufi le marekisetso a Trans, e tla tlhabolola ka fa tlase ga lenaneo la madi la ditlhabololo la 2017/18.

Pego e, e tla jaana bosheng Naledi ya gatisa polelo e mo go yone, Kgosi David Toto II wa Tsabong, a neng a botsa Mothusa tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Phillip Makgalemele gore, a goromente o santse a na le maikaelelo a go aga kokelo e ntsha kwa Tsabong.

Toto, yo gape eleng moemedi wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa kwa Ntlong ya Dikgosi, o ne a botsa gape Mothusatona gore setsha se setse se bonwe.

E ne ya re a tsibogela dipotso tsa ga Kgosi Toto ka nako eo, Makgalemele a re, setsha s bonwe mme ka jalo kago e tla tswelela. O ne gape a kgwa Kgosi Toto dikgaba ka gore, le ntswa morafe o sa rerisiwa mo go tseneletseng, mme fela lephata la tla rulaganya go ya Tsabong go itsise morafe ka tse di tla amanang le kago ya kokelo eo.

Le fa go ntse jalo, Makgalemele o ne a bolela Ntlo ya Dikgosi fa setlankana sa moalo wa potielo ya setsha o setse o reboletswe lephata la gagwe.

E ne e rile ka Moranang monongwaga, Tona Dorcas Makgato a itsise baagi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ka kago ya kokelo e, le gore se se mo tirisong gompieno se tla tlhabololwa. Makgato o ne a bua jalo mo phuthegong e eneng e buisiwa ke Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Omaweneno, ka yone kgwedi eo ele masome a mabedi le bobedi.