Naledi

BDP e gatile monwana wa kgonope?

Le fa tota bontsi jwa batho bane ba solofetse gore, kubetsano e ya go nna teng, bane ba sa dumela gore a go ka nna le dikgobalo tse di bonagetseng.

Bangwe ba ne ba setse ba le bone le le kgakala, gore go tla bona yo o sebete.

Mme go diragetse, jaaka balatedi ba borre Modubule le Mangole, ga mmogo le ba ga borre Ndaba le Mmolotsi, ba ne ba itaana ka noga e tshela. Bangwe ba feletse kwa di kokelong ka dikgobalo tse di masisi (ina lebe..).

Ditiragalo tsa kwa Bobonong, di ka gakolola bontsi jwa baeladilotlhoko tsa sepolotiki ka mokubukubu o oneng wa diragala kwa Palapye dingwaganyana tse di fa morago.

Balatedi ba lekgotla la Phua-phaa (BNF) ba ne ba nna makgamu mme ga feletsa go kubetsanwa botlhoko, mo ebileng BNF e neng ya kgaogana ka legare mme ga feletsa go thamilwe lekgotla la Botswana Congress Party (BCP).

Moeteledipele wa nako eo, moswi Dr Kenneth Koma le baetsana ba gagwe ka nako eo, o ne a supiwa ka monwana go bo a kgoberile makgamu mo lekgotleng la BNF, le eneng ele ene a le thamileng.

NDF le yone ya runya, lekgotla la ga Modubule la PUSO le lone la ntsha legetla.

Ya bo ele jaaka gone ga nna le mapalamente a le lesome le boraro (13) kwa palamenteng, ba eneng ele maloko a BNF gole pele, jaanong ele ba BCP.

Bangwe ba ne ba ipatlela botshabelo kwa lekgotleng la BDP.

Jaanong, A kgonagalo ya go tsereganya BMD e teng, kana re tla utlwalela go thamiwa ga lekgotla le lengwe la sepolotiki? Le fa bangwe ba lekgamu la ga Ndaba le Mmolotsi ba itirile moruti o tsididi ka se, dikgang tsa dinonyane di supa fa kgonagalo e le ntsi ya gore go ka nna ga thamiwa lekgotla le lesha la sepolotiki, le runya mo go la BMD.

Bangwe bare Mangole, Mmatli ba jele kganu ba mo laetse, mabapi le dikgaolo tsa bone tsa bopalamente, le fa ba ne ba ka tswelela ba emetse BMD kwa dikgaolong tsa bone.

Bangwe ba re Modubule o huparetse mogatla wa tlou mabapi le bokamoso jwa gagwe jwa sepolotiki. Ba kgaolo ya Lobatse, kwa a ikhunneng teng, ba sale ba le supile le le kwa!

Mme fela, potso ke gore, a tiragalo ya kwa Bobonong a e tla berekela bokopano jwa UDC ka 2019? Kana, BDP e gatile monwana wa kgonope gore seemo se, se tswelele pele, mme e re mogang ditlhopho tsa 2019, e fitlhela diphathi tsa kganetso di le makgamu, mme e tswelele e busa.

Kgang ke e o maletamotse!