Naledi

Ga se metlhale

Nako nngwe a re, ga a itse gore motho o penwa/pennwe eng, foo a raya gore, ga a itse gore motho yoo, o dirwa mabela ke eng.

Gore ke eng setlhare se se biditswe mopennweeng, ga re itse, mme gone, leina ke leo. Go sale foo, bangwe ba bitsa setlhare se ba re Mothata.

Maungo a mopennweeng, a kgolokwe. Ka mmala fa a budule, a mahibidu.

Mo ganong, fa o a a ja, a botlha/botsarara mme a le monate. Fa e le one sentle mopennweeng o budule, fela jaaka motlopi, o ka o tlholela nageng, wa tlhola o o o nwa tsatsi lotlhe.

Ga twe kwa Molepolole, setlhare se, se ka bonwa fa pele ga kgotla kgolo ya Bakwena. Mme koo, ga go bolelwe e le setlhare se a tle se ungwe, go jewe dikungo tsa sone.

Polelo ya re, bogologolo,  motse o se na go huduga kwa Ntsweng, setlhare se, se ne se dirisiwa e le poso (post office) ya Bakwena. Ka nako eo, go ne go ise go nne le poso mo Molepolole mme le morago ga go agiwa poso, sa nna sa tswelela sa dirisiwa.

Ga twe, ka yone nako eo, go ne ga tlhongwa monna mongwe go amogela poso (mail), a bo a e balela ba ba neng ba sa itse go bala.

Go begwa gore, ka yone nako eo, fela jaaka gompieno, poso e ne e tswa kwa mafelong a a farologanyeng. Nngwe e ne e tla e le dikwalo tsa ba ba neng ba ile ntweng ya bobedi ya lefatshe, nngwe e le tsa ba ba neng ba ile majako kwa meepong ya Afrika Borwa, nngwe e le dikwalo tsa puso.

Morago ga ntwa, ga agiwa poso ya ntlha mo Molepolole, e jaanong e bidiwang Mathubantwa.

Go bona botlhokwa jwa setlhare se, sa sirelediwa ka molao wa tshireletso matlotlo a tlholego.  Ga dirwa jaana go boloka ditso le go godisa bojanala mo Mokwena. Polelo ya mopennweeng, re e tlelwa ke Dikgang (Daily News/Lwetse 14 2017). Fa e bua ka fa kgosi Keineetse Sebele a neng a tlhalosa ka setlhare se ka teng, Dikgang ya re;

‘ …..a re setlhare seo jaanong se ngokela bajanala mo …. Moleplole go tla go ithuta ka ditso tsa poso…..pele ga metlhale e mesha ya ditlhaeletsano e tsena mo tirisong.’  Kgang ya rona gompieno ke go supa gore, Setswana ga se na lefoko ‘metlhale.’ Jalo he, fa re re metlhale, re dira phoso. Fa re bua ka mohuta wa selo, jaaka ditlhaeletsanyo, ra re mothale/methale, e seng motlhale/metlhale.