Naledi

Ngwana wa mosimane o kae?

Mme fela, re tshwanetse ra tsibogela ntlha e e botlhokwa ya gore mo dingwageng tse masome a mabedi tse di fetileng, bana-le -seabe, go akaretsa makgotla a a ikemetseng ka nosi le makalana ka go farologana a puso,  ba ne ba dira gole go ntsi go lwantsha seemo se.

Kgatiso ya mokwalo wa dipatlisiso tsa kgokgontsho ka bong mo Botswana, e eneng e itebagantse fela le bomme, e na ya senola mabaka a le mantsi a a bakang go kgokgontshiwa ga bomme le bana ba basetsana.  Mme fela, go na le sengwe se se tshwanetseng sa lemogwa mabapi le kgokgontsho ya bong mo Botswana. Motho o kare gongwe batho ba bomme ba sekae ba Botswana, ba setse ba simolotse go lemoga gore kgokgontsho ga e kake ya fenngwa fa ele gore ngwana wa mosimane  ga a sekegelwe tsebe mabapi le kgodiso ya gagwe.

Ngwana wa mosimane, go tswa goolowe, o ntse a beilwe ka fa mosing mabapi le go tsibogela diemo tse a ka tswang a godiseditswe mo go tsone. Ngwana wa mosimane, bogolosegolo ka dingwaga tsa maloba, one a sa fiwe tshono e ngwana wa mosetsana a e fiwang jaaka go ela tlhoko kgolo ya mmele, tlhaloganyo le seemo se bana ba tshwanetseng go golela mo go t.sone. Ngwana wa mosetsana o nnile le tshono e ntsi go tswa bonyaneng, ka go nna le sebaka sa go buisana le mmaagwe ka diemo tsa kgolo. O ne a fiwa sebaka sa go gololesega mo maikulo fa ngwana wa mosimane ene, a ne a sa bone lorato lo lo kalokalo. Wa mosimane o ne atle a ipotse gore a tiro ya gagwe ke go nna bogale mme a pitlaganye maikutlo morago a swele mo pelong kana a swe senku.

Ao ke mangwe a mabaka a a tshwaneng a agelwa mosako mme nako e nne eno ya go tsibogela kgolo ya ngwana wa mosimane gore kagabagare maduo a ntwa kgatlhanong le kgokgontsho a bonale.