Naledi

Magodi le basadi ba bararo

Bangwe ba letso ba Bazezuru mo kerekeng
 
Bangwe ba letso ba Bazezuru mo kerekeng

Ya phatsimela kwa kgaolwaneng ya White city mo Gaborone, mme teng ya fitlhela Nthoiwa Magodi, monnamogolo wa dingwaga tse di masome a a robang bongwe (92).  A bo a itlhobogile ka mogote, letsatsi le lone le phunyeletsa setlhare sa moriti wa sone.

Magodi, yo o tlholegang kwa kgotlaneng ya Madisakwane kwa Tonota, o boletse fa e rile a le kwa moepong ya Aferika Borwa a iponela kgarebe e bidiwa, Mmantorika Jobe mme ba inyadisa ntle le seabe sa batsadi ba ga Magodi mono Botswana. Ba nyalane ka ngwaga wa 1949 mme ba tshola bana ba le lesome (10), mo dingwageng tse di latelanang ka go farologana.

Ngwana wa ntlha wa bone o tshotswe ka 1951.

Magodi a re morago ga go nyala Mmantorika, o ne a boela Botswana go bolelela batsadi ba gagwe gore o iponetse mosadi kwa Aferika Borwa e bile ba nyalane.

A re batsadi ba gagwe ba ne ba seka ba dumalane le ene, bare ga ba batle mosadi yoo tswang kwa ntle ga Botswana.

A re go boeleng morago kwa Aferika Borwa, a feta a bolelela Mmantorika gore batsadi ba kgatlhanong le nyalo ya bone.

Mmantorika a le supa le le fa! Mme a bolela monna wa gagwe gore, fa ele sengwe o tla tsamaya le ene kwa Botswana, mme fa ele gore mosadi wa bobedi, yo batsadi ba gagwe ba batlang go mo mo nyadisa, a ka seke a ganana le nyalo ya lefufa, ba tla tswelela ba nna mmogo.

Mmantorika a pata Magodi go tla mo Botswana ga mmogo le ngwana ba bone wa ntlha. Go gorogeng ga bone, Magodi a nyadisiwa mosadi wa bobedi e bong Kanamo Senthufe a tlholega kwa Ditladi, mme fela jaaka Mmantorika a ne a solofetse, Kanamo a seka a nna kgatlhanong le go tshela le Mmantorika jaaka mosadi wa bobedi.  Kanamo le ene fela jalo a tshola bana bale lesome (10) le Magodi, mme se ele ka dingwaga tse di farologanyeng.

Ya re dingwaga di ntse di kgabaganya, Magodi a inaakanya le kereke ya Sezezuru mme a simolola go sala morago ngwao le tumelo ya kereke eo.

A re ka go bo kereke eo ene e rotloetsa nyalo ya lefufa, o ne a dirisa tshono eo go nyala mosadi wa boraro e bong Tsholofelo Ramaano ene a tlholega kwa Molepolole, mme le ene a sala Mmantorika le Kanamo ka go nna le bana ba le boferabongwe (9).

Magodi a re, botshelo bo ne bole monate le basadi ba gagwe ka boraro, mo ntlong e le nngwe fela le bana ba bone botlhe bale masome a mabedi le borobabongwe (29) ka palo, mme go sena selabe sepe, go rena boitumelo le kutlwano.

A re gone go tletse tirisanyo mmogo le therisano magareng ga basadi ba gagwe, mme fa go nale dikgang dingwe tse di palang go rarabololwa ba di fetisetse ko baruting go ba di thusa.

O tsweletse a tlhalosa gore kereke ya bone e ruta basadi ba bone gore, ga ba a tshwanela go omana kgotsa go lwa fa go nale sekgopi sengwe.

A re, ba rutwa gore fa go nale kgotlhang magareng ga bone, ba e bua le rre wa bone pele fa e ka fetisetswa ko baruting.

Magodi o tswelela a tlhalosetsa Naledi gore, o ne a batla go nyala mosadi wa bone, e bile a setse a mmeile leitlho.

A re mme yoo, o ne a mo ferekanyetsa maikutlo dithulaganyo di ntse di tsweletse, a bolela fa ane a lemoga fa a simolotse mowa wa bo tlhoka tsebe, le go sa motlotla.

Magodi a re ga a na mathata le nyalo ya lefufa e bile o baakanyetsa go nyala mosadi yo mongwe yo o tlaabong ele wa bone.  “Fa dilo di ka tsamaya sentle, lenyalo le tlaa jewa ngwaga o o tlang (2018) mme ebile ke tla laletsa Pampiri ya lona,” Magodi a bua jalo ka matlhagatlhaga.  Magodi a re, fa a tshwantshanya nyalo ya Setswana le ya Bazezuru, ya Setswana o tshwanetse wa agela wa bobedi le yo o latela ntlo, mme ka Sezezuru, o nna le basadi ba gago mo ntlong ele nngwe.

Ntswa gone go ntse jalo maloba, Magodi a re, gompieno Bazezuru ga ba sa tlhole ba agela basadi golo gole gongwe fela jaaka pele.

A re malatsi ano, basadi ba ba babedi kgotsa ba le bararo, mongwe le mongwe wa basadi bao o agelwa lelwapa la gagwe koo; ga ba tlhakanele lelwapa jaaka mo malatsing ale.