Naledi

BMD e tlhatlegile mafura

 

Fela matlho otlhe jaanong a rotogetse kwa Bobonong kwa phathi ya BMD e tlhatlegileng pitsa ya mafura go bela, pela ga bokopano.

Phuthego kgolo ya BMD, e goroga jaana morago ga go aparelwa ke dipuo tse di botlha le go kubetsana ga balatedi le bogogi jwa lekgotla leo.

Go seegelwa fa thoko ga bagolwane ba phathi e, eleng Ndaba Gaolathe, Wynter Mmolotsi le maloko a mangwe jaaka Phenyo Segokgo, yo eleng tautona wa pele wa banana ba BMD le tautona wa lekalana la bomme ba BMD Joyce Mothudi ke dingwe tsa dikgang tse di tlodisang ditlhase kwa bokopanong joo.

Dintwa le go kubetsana tsa bagolo ba phathi, di tswa mo matlhakoreng a le mabedi, lengwe e le la tautona Ndaba Gaotlhale, mothusi wa gagwe Wynter Mmolotsi le letlhakore la monnasetilo Nehemiah Modubule le mokwaledi mogolo Gilbert Mangole.

Bagolo ba BMD, ba ntse ba utlwala letsatsi le letsatsi mo diromamoweng tsa lefatshe le, gammogo le go bonala mo dikoranteng ba kgagolana le go tlhobosana mo phatlalatseng.

Se jaanong se dira gore batho ba ipotse gore, tota fa ba ntse ba tsweletse le dintwa jaana, mme go na le mosepele wa phuthego kgolo, ba ya go dira jang gone koo.

Makgamu a, go lebega ka bobedi a lebanwe ke thaba e kgolo ya Modipe go e palama, mme ebile le yone tshireletsego go lebega go tla a tshwanelwa go tlhomamisa gore ke ya maemo a a kwa godimo thata.Phuthego kgolo e ya BMD, go bonala sentle gore e tla a nna nngwe ya diphuthego tse go seng ope yo o tla tsamayang a di lebala. Go sa kgathalesege gore a ba tswa ba bopagane, ba sa lwa, ba sa kolopana ka ditilo le ditafole.

Fela jalo le ga ba ka tswa teng ba lole, e tla a nna e tswelela e gakologelwa ke botlhe ba ba tla tsayang karolo le bone ba ba tla a utlwalelang ka dintwa tsa bone.