Naledi

A re emeleng ditshupo tsa temo thuo ka dinao

Fela jaaka re bona gompieno, di simolola di tshwarwa kwa magaeng mme di felele di tshwara mo motse mogolo Gaborone ka Natioanal Agricultural Show. E re di tshwerwe, a ke kwa magaeng, a ke mo Gaborone, morafe o tshologe go tla go bona tse di supiwang.

Ka gore temo thuo e namile, go fitlhelwe dilo tse dintsi.  Balemi ba tle ka dijwalo ka go farologana. Barui le bone ba tle ka loruo lo lo farologanyeng. Bangwe ba tle go supa matsopa a dikgomo ka go farologana ga one, bangwe ka dihutshane, ba bangwe ba tle ka ‘sika loo nonyane. E re go natefisa letsatsi le, nako nngwe go nne le metshameko e e farologanyeng, mongwe wa yone e le lebelo la dipitse. Go nne monate thata.

Go bona bontle joo, le monate oo, ra solofela gore ditshupo di tlaa gola le dingwaga, di aname le lefatshe leno, di tshwarwe mo mafelong a mantsi. Godimo ga moo, tsholofelo ya nna gore, di tlaa tokafala, seemo sa tsone e nne se se kwa godimo.

Ga re ise re dire dipe ditlhotlhomiso go bona gore, tota fela go ya kae. Mme fa re ntse re lebeletse,  re bona seemo sa ditshupo tsa temo thuo mono Botswana se wa. Mo mafelong a mantsi, ditshupo tse, di ya tlase.  Mo mafelong mangwe, di a tle di baakanyediwe gore di tlaa tshwarwa, mme go tloge go se ke go nne jalo. Re se ke re itse gore molato eng. Mo go a mangwe mafelo, gotlhelele di se ke di tshwarwe. Sekai ke gore, go utlwala fa ngwaga ono, mo kgaolong nngwe, e e leng nngwe ya dikgaolo tse ditona tsa Botswana, ditshupo di tlaa tshwarwa mo metseng e ka nna mebedi, meraro, fela. Se, se hakgamatse.

Mafelo mangwe a iteke di tshwarwe, mme seemo e nne se se kwa tlase. Ba ba tsileng go supa, ba se ke ba nne bantsi; tse di tsileng go supiwa le tsone, di se ke di kgatlhe.

Ka tota maikaelelo a ditshupo ke go rutana, go tsaya malebela, go se ke go nne le sepe se e ka reng motho a boa koo, a re  o se  ithutile. Jaanong, re le Batswana, a re emeleng ditshupo tsa temo thuo ka dinao, re di tlhabolole, se e le tsela ya go tlhabolola temo thuo, e e leng yone botshelo jwa Motswana.