Naledi

Monna o tshabuetse mo tsageng

Letsatsi lengwe, jaaka molemi wa nnete, Mma Morwadi a tsogela kwa tshimong go ya go lekola dijwalo. A se ka a dumela se a neng a se bona nako eo.

 A ema, a leba, mme a bona e le tiro e a neng a ka se ke a e kgone a le nosi. Kana o ne a tshwanetse go tlhagola le go leta. E re a ntse a leta, go re a age dirala, digotlo,  le go dira tiro yotlhe fela ya go baakanyetsa go roba. A ipotsa gore, e a rwele jaana mabele tshimo ya gagwe, o tlaa dira jang.

Mogopolo wa mo raya wa re, kgetsi ya tsie ke go tshwaraganelwa; a le nosi, ga a ka ke a kgona. Go kgona tiro e, ke gore a bitse batho ba tle go mo thusa. A bona e le mogopolo o montle mme a nitama mo go one.

Gone foo, a simolola go laletsa batho gore, o tlaa nna le tiro, mme ba tle go mo tsaya tema. Tota se a neng a se bua e le gore, o tlaa dira molaletsa gore batho ba tle go mo thusa tiro ele ya tshimo ele. A ya le bone botlhe batho ba Letloping a ba laletsa. Botlhe ba amogela mafoko a gagwe.

Go bona fa botlhe ba a tsenyeng ka bone ba mo amogetse, Mma Morwadi a simolola go baakanyetsa letsatsi la tiro; tota la molaletsa. Kana Motswana a re, ‘Tsie e fofa ka moswang.’

A boe gape a re, ‘Pelesa e belesa ka mpa.’ Ka mafoko a, o a bo a raya gore, motho o nna le natla kgotsa thata/nonofo ya go dira fela fa a jele, a kgotshe. Fa a ise a je sepe, a sa bona sepe sa go tshegetsa mala, o ka bona kae natla eo? Fa a sa ja, o ka leka go dira, mme ka mmele o tlaa bo o le motlhofo, tiro e ka nna ya pala, ka o tlaa bo a se na nonofo epe e e kalo.

Le ka belesa, la rwala jang lekaba, le ise le je; kana yone pelesa ya goga jang e ise e hule. Go ka pala gongwe wa bo wa lala nageng.

Mma Morwadi a se ka a batla gore go nne jalo ka tiro ya gagwe. A batla gore e re tiro e dirwa, e tlhagafalelwe e dirwe, e wele sentle.

 A itse gore, e tlaa re pele ga batho ba simolola tiro, ba batle go ja. E re le fa ba e wetsa, ba nne ba batle sengwe go latlhelwa mo ganong. Godimo ga go ja, bangwe ba tlaa nna ba batla go itimola lenyora. E re go twe ba sielwa metsi a gale le gale, a mongwe le mongwe a a a nwang, ba gane, ba re bone ba batla a segolo kgotsa a masetlhana jaaka bangwe ba bitsa bojalwa. E re Monwedi a na le ditsala tsa gagwe ba bo ja monate, bone ba re ke keledi tsa motlhotlho.

Letsatsi la tiro la goroga. Wa tshelegela morafe wa Letloping, wa fitlhela Mma Morwadi le ene a baakantse dilo tsotlhe; dijo di le foo le one metsi a masetlhana tota. Ka tiro tota e ne e le go tlhagola, ba tlhola kwa tshimong ba lwa nao mhero. Fa bontsi bo tlhagola, ke banna bangwe ba le bararo bone ba tlhomesa ntlo e e neng ya rutlulolwa ke diphefo tsa pula ele. Le bone ba tlhwaafala, ba batla go dira tiro ka botlalo. Fa ba ntse ba tsweletse, yo mongwe a se ka a itse gore go rileng. Ya re a re o a gata, tlhomeso ya re ‘kgothu.’  Fa e kgothuga, a fapaana nayo, a ya tlase, a ya gore mo tsageng a re, ‘tshabu.’ A o tlhaba o le mosesane, batho ba omoga go tla go mo thusa. Ba mo inotse moo e kete ke ene go neng go tlhotlwa ka ene; a ela, a nkga a re ‘phuu.’

A bo a le teng Monwedi. Fa batho ba hutsafaletse monna yole gore o batlile go robega, ene ke a tshega a bo a kgakgatha. A re monna yoo, ga se motho wa sepe e reng boemong jwa gore a nwe, a lelele gore o gare ga bodiba.

A re fa e ne e le ene  Monwedi, badimo ba mo arabile jaaka ba ne ba arabile monna yole, o ne a ka nwela, a tiba, a tlhola a a nwa, a tswa moo go se na sepe.

Batho ba hakgamala thata gore o bua jang. Ene a tlhokomologa, a tswelela a tshega. Molaletsa wa fela, ga phatlalalwa, go se monate. Go fetile malatsi dikgang mo Letloping e le ka monna yole, yo o neng a tshabuela mo tsageng kwa ga Mma Morwadi.