Naledi

DRTS e bolotsa letsholo

Go ya ka pego tswang kwa lekalaneng la ipabalelo tseleng, dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a Batswana, selo se puso ya Botswana le Batswana ka kakaretso, ga mmogo le bana le seabe mo mohameng wa ipabalelo tseleng, se sa jeseng diwelang.

Mo maitekong a lone a go tsibosa sechaba ka seemo se, Lekalana le ikaelela go tsosolosa letsholo mo tseleng e e yang borwa ya AI, l tse dingwe la jalo. Mme e tlaare pele ga foo, lekalana le laletse babegadikgang o tla go amogana le bone ka thulaganyo ya ipabalelo tseleng ka mafelo a beke.

Mothusa Mokwaledi mogolo kwa lephateng leo, Isaac Moepong o tla buisa bobegadikgang mme morago go nne le dikganedi tsa tsibosa ipabalelo tseleng. Bana le seabe go balelwa le babegadikgang, ba tla akarediwa mo thulaganyong e.Maikaelelo a mangwe a letsholo le ke go diragatsa molao wa wa tsela le wa diteseletso tsa dikoloi ka go farologana go balelwa tse di rwalang dithoto le sechaba.

Tsela ya A1 e tswa dingweng e tshabelelwa ke dikotsi tse dingwe tsa tsone di amileng bapalami ba dikoli tsa sechaba le beng. Ka fa go le lengwe, puso e dira ka tsotlhe go thapa dikompone tse di kobang leruo mo ditseleng le go fokotsa bojang le ditlhare fa thoko ga ditsela.

Lebelo le le feteletseng el go kgweetsa go sa itekenelwa ke dingwe tsa tse di bakang dikotsi tsa tsela mo Botswana.

Mo dingwageng tse di fetileng, bontsi jwa dikotsi di ne di bakwa ke go kgweetsa go itotentse dino, selo se jaanong go lebegang se fokotsega.