Naledi

Barclays e rotloetsa Kuru gape

PIC: ZOLANI KRAAI
 
PIC: ZOLANI KRAAI

Moletlo o wa Kuru o ne wa boela morago ga go ema dingwaga di le mmalwa ka ntlha ya letlhoko la go tlhoka barotloetsi, mme ngwaga e e fetileng ba itumedisa thata go bona banka ya Botswana ya Barclays e thusa go o busetsa.

Monongwaga banka e ya Botswana ya Barclays e okeditse madi a thotloetso, ka jaanong kgaisano e ya mmino wa Kuru e tla a rotloediwa ka P300,000. Se le maikaelelo le maikarabelo a banka ya Barclays go rotloetsa ngwao ya le ditso tsa merafe yotlhe ya Sesarwa.

Se jaanong se tlogetse barati le balatedi ba moletlo, bogolo jang ba ba ratang thata mmino wa Kuru kgotsa wa Sesarwa ba letsa melodi le megolokwane ya boitumelo. Se le go bo ba itse fa ba tla a akola lebebe la mmino o ba o ratang bobe.

 Mogolwane le morulaganyi mogolo wa moletlo o wa mmino wa Kuru,Aron Johannes a re mmino o wa Kuru, fela jaaka e mengwe ke wa ngwao. A re ke ditso le motlhala wa merafe ya Sesarwa,ka go rialo go le botlhokwa thata gore o babalelwe.Johannes a re go ne go utlwisa botlhoko thata go bona mo dingwageng di dintsi tse di fetileng, o o nyellea ka ntlha ya go senang thotloetso ya madi.Mabapi le tirisanyo le banka ya Barclays, Johane a re go a itumedisa ebile go tsisa tsholofelo ya gore mmino wa Kuru o tla a nnela ruri go akolwa monate ke botlhe ba ba o ratang.

O ne a bolela gore Barclays e ne ya dumalana le bone gore tshwaraganela moletlo o wa mmino wa Kuru, ngwaga e e fetileng. A tlhalosa gore le monongwaga go ntse go tla a nna fela jalo ka Barclays e ntshitse P300,000 go tswelela ka thotloetso ya yone e e botlhokwa.

Moletlo o wa mmino wa Kuru o tla a bo o tshwaretswe kwa motseng wa Dikara, kwa go setseng go itsege fa e le lone lefelo la moletlo o.Le fa gone e le moletlo wa mmino wa Kuru, go boletswe fa gantsi go lalediwa ditlhopha tse di nang le dingwao ka go farologana ga tsone.

Mme ebile go solofetswe gore o tla a tshologelwa ke bontsi jwa batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe la Botswana, gammogo le baeng go tswa mafatsheng a sele.