Naledi

RE ABA TSAYA e baya dijo tafoleng

Botswana against Malaysia.PIC.KENNEDY RAMOKONE
 
Botswana against Malaysia.PIC.KENNEDY RAMOKONE

Bontsi jwa baeng go tswa khutlong tse nne tsa lefatshe mme e bile ke bone ba ba rotloetsang letseno la itsholelo, fela jaaka go setse go diragala mo Botswana. Lefatshe leno le tshegeditse metshameko ya bolotlowa ya sejana sa lefatshe.

Mafelo a magolo le a mabotlana a boroko, a bone letseno le le botoka thata ka go na le baeng ba ba latsang tlhogo teng. Fela jalo le marekisetso ka bontsi, bogolo jang mo toropokgolo Gaborone a bona theko e e botoka letsatsi le letsatsi, ka bontsi jwa baeng ba itumelela dijo le dithoto tsa lefatshe la Botswana.

Fa Naledi e ntse e tsamaya le mekgwatlha le mebila ya Gaborone ka mafelo a beke le Mosupologo, e lemogile menyenyo mo difatlhegong tsa batho ka go farologana, go supagala fa ele ruri melomo  e phatsima, barekisi le bone go bonala a ba dia letseno. 

Bagwebi ba babotlana, ba ditafole ba boleletse Naledi fa ba itumelela letseno le ba le bonang letsatsi le letsatsi ka ntlha ya metshameko e. Ba re ka ntlha ya bontsi jwa bareki, ba ile ba patelesega go oketsa dithoto tsa bone, ka erile fela ka Labotlhano, bangwe ba bone ba bo ba setse ba feletswe ke dithoto.

Mongwe wa basadi ba ba rekisetsang fa pele mmadikole, (UB) Masego Mmutle a re e rile ka Matlhatso a bona go le botoka go oketsa dithoto tse a direkisang. A re o rekisa maungo ka go faologana, dilekere, dijo tse di apeilweng le dino tsididi. A re le fa a ne a lekile thata go oketsa, o ne a bona fela pele ga oura ya boraro motshegare a setse a dirile madi fela a mantsi.

A re erile go bona theko e le botoka go le kana, a bona gore a laletse monnawe go tswa gae go tla go rekisa le ene, mme a re botlhe barekisi ba dijo le metsi ba dira madi fela a mantsi.

Mmutle a re o itumela thata go bona Batswana ba ba tsileng metshamekong e, ba reka dithoto le dijo tsa bone fela ka mowa o montle. A re se ke go supa fa Batswana ba na le mowa o montle wa go thusana, a re le baeng ba reka fela mo go bone ntle le bothata bope.

Bangwe bagwebi ba dithoto tsa diatla ba ba iketleditseng koo le bone ba bolela gore baeng, bogolo jang batho basweu, ba reka dithoto tsa bone tsa ngwao yac Setswana ka dipalo tse dintsi.Kgaisanyo e ya bolotlowa, e e bidiwang #RE ABA TSAYA e tla tsamaya e gakologelwa ke bagwebi ba lefatshe la Botswana fela jaaka ba Aferika Borwa ba tla a gakologelwa sejana sa Aferika le sa lefatshe.