Naledi

Dinaletsana di tshubile Botswana otlhe

 

Setlhopha sa Dinaletsana, jaaka setlhopha sa bolotlowa sa Botswana se bidiwa se tsene mo lebaleng morago ga go fenngwa ke setlhopha sa Uganda mo ka mosupolgo. Se mme ka boammaaruri sa seka sa kgoba ka gope batshameki ba setlhopha se, gammogo le bogogi jwa sone.

Dinaletsana di tsene mo momtshamekong o, e le bone ba nyadiwang, ka setlhopha sa Jamaica se tsewa jaaka lengwe la mafatshe a a thata mo motshamekong o wa bolotlowa.

Fa setlhopha sentse se gaketse mo lebaleng go lwa ntwa e e botlhoko kgatlhanong le basetsana ba kwa ga bo motabogi yo o tshabegang lefatshe ka bophara Usain Bolt, lebala la bo le tletse le penologa ka bontsi jwa Batswana ba ba neng ba tsile go ema basetsana ba nokeng.

Ka e ne e le motshameko o o thata, bogolo jang ga o simolola, Jamaica e ne ya dira jaaka go ne go solofetswe, ya tsaya ketapele, kgapetsakgapetsa.Ketapele e ya Jamaica ya seka ya kgoba batshameki marapo, ka barati le balatedi ba ne ba tswelela ka go tshela leshalaba la kemonokeng mo lebaleng.

Modumo o wa barati le balatedi ba ba neng ba eme ka dinao wa tsena ka ditsebe tsa batshameki, mme ga bonala sentle ba a rotloetsega tota. Jamaica le yone e ne ya bona fela motshameko o ntse o ba tswa ka diphatlha tsa menwana.

Barati le balatedi ba Dinaletsana ba bo ba dira jaana ka kitso ya gore Jamaica e mo maemong a bone mo lefatsheng lotlhe, fa Botswana yone e le mo maemong a masome a mabedi. Mo legatong kgotsa karolo ya bone e e leng ya bofelo, motshameko wa bo o ya ka fa le ka fa, mme erile fela go setse metsotso e se kae, Dinaletsana ya tsaya ketapele.Se sa imisa Batswana ka dinao go ntsha kemonokeng ya bone yotlhe.

Jamaica ya tshameka jaaka okare dipone tsa lebala le timile, ga nna lefifi mo go bone, fa Dinaletsana tsone di tshubile letlowa go nosa dinno tsa phenyo. Motshameko erile o fela ke Dianletsana e le tsone megaka, tsa tshela Batswana mo mekgwatlheng yotlhe ya lefatshe la Botswana ka boitumelo jo bogolo go leba malwapeng.