Naledi

A re obameleng dipone tsa pharakano

Fela jaaka matshwao a mangwe a tsela, dipone tse di laolang pharako tse ka sekgoa re di bitsang Traffic lights, le tsone fela jalo di tshwanetse tsa obamelwa fela thata.

Mookamela lekalana le, o tswelela a tlhalosa fa bontsi jwa bakgweetsi mo Botswana ba setse ba lebega ba lebala maikarabelo a bone a go iphemela mo dikotsing tsa tsela, tse di bakwang ke go sa eleng tlhoko matshwao a tsela le go sa obamele dipone tsa pharakano.

Re dumalana le sepodisi gore nako e tsile ya gore go tseelwe dikgato tse di nonofileng tsa bao ba ba sa obameleng matshwao a tsela le dipone tsa pharakano. Mafelo mangwe a go itemogetseng a tshabelelwa ke dikotsi tse di bakwang ke go sa obameleng dipone tsa pharakano, ke tsa marakanelo a tsela ya Molepolole le Gaborone, go simolola fela kwa Metsimotlhabe, sepatela sa Bokamoso, kampa ya masole kwa Mogoditshane, sekole sa GIPS, marekisetso a Bonnington, BKT, CDC, Fire/Bus rank, Orapa House, BURS, CID South le South Ring Mall.

Re lemogile gape fa bakgweetsi ba bomme ele bone malatsi a no ba atileng go ralala dipone tsa mesepele, mme ebile ba dira jalo ba dirisa megala ya letheka. Bangwe ba nna bogale fa ba gakolola ka se.

Kgang e nngwe ke ya bakgweetsi ba dikoloi tsa sechaba (boradikhombi) ba ba itlhaganelang go emelela mo marakanelong pele ga dipone ditshuba botala, mme go dira jalo go ka tsenya matshelo a mokgweetsi wa khombi, bapalami le bakgweetsi ba bangwe mo diphatseng. Seemo se, sa go itlhokomolosa go obamela matshwao a tsela le dipone tsa taolo pharakano, se tshwanetse sa tlhwaafalelwa ke sepodisi sa Botswana sa pharakano.

Tota letsholo le, la go tshwara bakgweetsi ba ba sa obameleng dipone tsa mesepele, le tshwanetse la dirwa gangwe le gape, e seng gangwe fela morago ga dikgwedi tse tharo, mme e nne selo sa letsatsi le letsatsi. Gongwe go dira jalo go ka fokotsa dikotsi tsa dikoloi mo ditoropong tsa lefatshe leno.